Breaking News

Mapodisi a kopa kemo-nokeng

04 Sep 2018

Mothusa ramapodisi wa Kang, Assistant Superintendent Kabelano Tebogo a re ba tlhoka kemo-nokeng ya setshaba go ba kgontsha go lepalepana le borukutlhi jo go lebegang bo gola le ditlhabololo.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Asst Superintendent Tebogo a re Kang ke motse o o golang ka ponyo ya leitlho, ka jalo ba itemogela go gola ka monokela ga methale ya borukutlhi jaaka, dipolaano, go thuba mo malwapeng le mabentlele jalo jalo.

A re le fa go ntse jalo, ntwa kgatlhanong le borukutlhi jwa mefuta eo ba ka bo fenya fela fa banni ba motse ba ka tsenya letsogo e bile ba tshwaraganye le mapodisi go na le go nna barotloetsi ba ditiragalo tsa borukutlhi.

Le fa go le jalo, Asst Superintendet Tebogo a re ditlhabololo ga di na molato ka jaana gotwe ‘mashi ke tswa thobeng ke le phepa, selabe se tla le motsaya kgamelo’.

Ka jalo, ditlhabololo di thusa go fetola matshelo a batho ka go ba tlhamela ditiro, mme bontle jo bo senngwa ke ba ba tlang ba itira ba ba tsileng mafulong a matalana mme maikaelelo a bone e le go tlhorontsha setshaba ka ditiro tsa bosenyi.

Rre Tebogo a re e re ka Kang a tsamaela go nna motse-setoropo, nako e gorogile, gore banni ba tsee malebela mo go ba ditoropo ka go tlhoma dikomiti tsa ntebele ke go lebele, gore e re fa ba lemoga tiragalo e e belaetsang mo motseng ba kgone go loma mapodisi tsebe ka bofefo.

Mo go tse dingwe, o ne a kopa barui go netefatsa gore leruo la bone le teng ka dinako tsotlhe ka go nna ba le tlhola kgapetsakgapetsa.

A re fela fa ba ka lemoga mongwe yo ba sa mo itseng a feta gateletse leruo ba tseye boikarabelo jwa go itsese mapodisi ka bofefo, segolo bogolo fa ba lemoga motho wa teng a bereka go itoma diteme fa a botsolosiwa kwa a tsayang loruo loo teng.

O ne a tlatsa ka go gwetlha bomme gore fa ba ya maitisong bosigo ba tsamae ka digongwana le batho ba ba ba itseng.

A re fa go ntse jalo go ya go nna thata mo dilalomeng go ka ba tlhasela.

Rre Tebogo o gwetlhile batsadi go tlhokomela bana le go netefatsa gore ga ba sale ba le nosi mo lwapeng go hema diemo tsa go tshameka ka dilo tse diborai tse di ka bakang dikgobalo le dintsho ka ntata ya gore go a bo go sena yo a ba tlhomileng leitlho.

O ne a gwetlha le batsadi go emisa go roma bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase thata kwa marekisetsong.

A re bana bao ba abo ba ise ba nne le boitseanape jwa go tila go thulwa ke dikoloi le go phoronngwa ke dilalome.

O ne a konentelela mafoko a gagwe, ka go re, dipaka tsa segompieno di fetogile ga di tshwane le tsa pele ka jaana dirukutlhi di tlhalefetse go dirisa maranyane mo borukutlhing, ka jalo a gwetlha setshaba go thusana le mapodisi go fedisa dikgang tsa borukutlhi jo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Michael Matebele

Location : KANG

Event : Potsolotso

Date : 04 Sep 2018