Setlhopha sa Maswailathota se supa botswerere
04 Sep 2018
Motse wa Kanye mo kgaolong ya Borwa le one o na le banana ba ba kgathalelang go tsosolosa ngwao ya Setswana ka botswerere jwa bone.
E rile go bona e kete ngwao e nyelela ka monokela, Motlhami wa setlhopha sa Maswailathota Rre Tshepho Digwaamaje a bona go le maleba gore a dirise botswerere jwa gagwe jwa mmino wa Setswana go tsosolosa ngwao ka go tlhama setlhopha sa Maswailathota.
Mo potolosong le BOPA bosheng, Rre Digwaamaje a re ntle le go tsosolosa ngwao o gwetlhilwe ke gore o godiseditswe mo lelwapeng la Setswana gape o lemogile fa a na le neo ya mmino wa Setswana.
Rre Digwaamaje yo o tshotsweng ka 1984 mo Kanye a re o simolotse go dirisa neo ya gagwe a le kwa sekoleng se sebotlana mo Kanye.
Le fa go ntse jalo Rre Digwaamaje o tlhalositse gore o tsene mo mererong ya moopelo ka 2009, a patagane le Tshiamo Motlhankanyane yo o itsegeng ka leina la Swailaman mo bodiragatsing, a tlatsa ka gore kgatiso ya bone ya ntlha e ne ya seka ya dira sentle.
Rre Digwaamaje yo gape a tlhomilweng modulaetilo wa dikgaolo tsa South-South-East ke ba lekgotla la baopedi (BOMU) o ne a itlhamela setlhopha sa gagwe a le nosi ka 2013, mme a gatisa dipina tsa Maswailathota e le yone kgatiso ya ntlha.
A re Mofuta wa mmino o a o digagatsang ke o o tlhakantseng mmino wa Setswana le dikhwaere.
Rre Digwaamaje o supile gore Batswana ba amogetse dipina tse di mo kgatisong eo.
A re dipina tsa Maswailathota di bua ka ngwao ya Setswana mme Batswana ba supa fa ba di amogela ka mabogo oo mabedi ka e bile kgatiso eo e humile puo e e nonneng ya setswana.
O tlhalositse fa ba le barataro mo setlhopheng.
O tlhalosa gore morago ga go gatisa dipina o ne a bereka le Gong Master yo le ene e leng seopedi sa mmino wa Setswana.
O tlhalositse fa ba ne ba tsaya maeto a go supa bodiragatsi go raralala lefatshe la Botswana ba le mmogo, ga mmogo le ko ntle ga Botswana jaaka Aferika Borwa.
Rre Digwaamaje a re go tsaya maeto le Gong Master e ne ele tsela nngwe ya go mo supa mo batswaneng, mme ga mo godisa thata.
Rre Digwaamaje a re e ne e re le fa ba tsena kwa ba diragatsang teng Gong Master a mo fe nako ya go diragatsa pele mo seraleng go mo rotloetsa.
A re o motlotlo ka Gong Master ka gore fa e ne e se ka ene o kabo a se fa a teng ka mmino wa gagwe.
A
re ntswa Gong Master a akgiwa ke ditiro tse dintsi, hela o ntse o mo legetleng la gagwe go mo fa thotloetso le dikgakololo.
Rre Digwaamaje o tlhalosa gore o tsweletse ka go ikitsise Batswana ka go diragatsa mo meletlong ka go farologana, le go etela ko Btv a diragatsa mo lenaneong la Mokaragana.
O tlhalositse gape gore le mo diromamoweng ba tshameka dipina tsa gagwe.
Digwaamaje a re fa a kwala pina, ga a kwalele monate fela mme o fetisa molaetsa, a a fa sekai ka pina ya bobedi e e buang ka majako, le metseko jalo.
O supile gore fa a bidiwa mo ditirong di tshwana manyalo o tla ka dikatara hela mme a nne le bokgoni jwa go feta a tlhama pina gone foo a itebagantse le se e tla bong se diragala mo nakong eo.
A re dilo tse ke dingwe tse di mo farologanyang le dioopedi tse dingwe tsa mmino wa setso.
Rre Digwaamaje a re dingwe tsa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone di akaretsa letlhoko la madi go ntsifatsa dikgatiso tsa bone.
A re le fa go ntse jalo ba leka go kopa thuso ya madi mo dikomponeng tse di ikemetseng ka nosi, a re mme go a swabisa ka gore ba thusa ba ba setseng ba tumile pele.
O file sekai a re fa ba diragatsa go kgona go twe ba bine mahala gore ba ikgodise mme morago go duelwe modiragatsi yo o tumileng yo baa bong ba na le ene mo nakong eo, bone batswe hela ba iphotlhere.
Le fa go ntse jalo Rre Digwaamaje a re fa ba ne ba na le kemo-nokeng e ne e ka re mo ngwageng tse tlhano ba bo ba segile tema e tona ya bodiragatsi, a tlatsa ka gore ba ne ba tlaa tsenya lesedi mo go ba ba tswang kwa tlase ga gagwe.
O rotloeditse Batswana go reka dikgatiso tsa nnete e seng tsa maitirelo gore le bone ele baopedi ba kgone go itshetsa.
Fa a tlhalosa leina la Maswailathota a re le raya dikgomo tse di godileng di sena tlhokomelo, nako e ntsi di sa gorosiwe di bo di felela di golela fela mo poeng.
O tlhalosa gore pina ya gagwe ya ntlha, Majapolase e tlhalosa fela gore bone e le Maswailathota ke bomang ba tswa kae.
A re mme mo pineng e ba patagane le setlhopha sa Kgokgonono. Pina ya bobedi, Bulela di tswe e tlhalosa ditiro tsa Setswana, a tlatsa ka go re banana ka bontsi ga ba itse dilo tsa Setswana di tshwana metseko le majako.
Pina ya boraro, Ba Mmala wa Sebilo ba ne ba ipolela gore ke bomang ba ganeletse mo lotsong gore ke Batswana.
Are pina e, e tlhakantse borankana le poko, a tlatsa ka go re ba patagane le Kgotobela mo go yone. Pina ya Mmalabadi o leka go supa kutlobotlhoko e a kileng a nna le yone.
Pina ya botlhano, Makapela a re o ne a lebile seemo sa dintsho mo Botswana, a tlholosa gore batho ba fetogile masiela le dikhutsana, a tlatsa ka go re banana ba a swa ntateng ya dinotagi, go kgweetsa motho a itshietse, ga mmogo le dipolao tsa baratani.
Pina ya borataro, Tokafatso Maduo e tlhalosa gore mo malatsing ano ga go sa tlhole go firwa ka dithutego tsa motho kana setlankana,
Diphatlha tsa ditiro tse di duleng ga di anamisiwe gore mongwe le mogwe a bone a iteke lesego mme go felela go firwa ka losika le ka pipamolomo.
Pina ya bofelo e e reng Bokgwelwa e tlhalosa gore malatsi ano malwapa a a thubega.
Monna o ya go berekela kgakala le mosadi mme fa a tsena koo o iponela mokapelo yo mongwe, mosadi le ene a felelele a batla monna yo mongwe.
Pina e ga e a itebaganya le banyalani fela mme e tlhalosa gore go tla go gata mmu wa mo gae ke sengwe se se mosola.
Rre Digwaamaje o rotloeditse ba ba batlang go tsena mo mererong ya mmino gore ba seka ba dira ka go etsa ba bangwe mme ba dire ka gore ba na le lerato mo go se ba se batlang go se dira. O boletse fa kopelo e le neo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mphoyaone Mothibi
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 04 Sep 2018



