Ngwao selwana - Mosielele
04 Sep 2018
Kgosi Oscar Mosielele wa Bakgatla ba ga Mmanaana kwa Moshupa a re go botlhokwa gore morafe o somarele le go ikgantsha ka ngwao ya one.
Kgosi Mosielele a re ngwao e ka dirisiwa e le bojanala go tlotlomatsa lefatshe.
O buile jalo kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa Mokoto wa Lesoso kwa Shoshong kgwedi ya Lwetse e rogwa.
“Go botlhokwa go tlotlomatsa le go somarela ngwao ya lona, le gone go e rekisetsa mafatshe a mangwe.”
Ke ratile thata go utlwa lefoko ‘mokoto’ le tlhagelela mo lereong la moletlo o wa lona wa go tlotlomatsa ngwao ya merafe ya lona, ga tlhalosa Kgosi Mosielele.
“Go dira jalo le tlotlomatsa ngwao ya lona ka gore le tlotlomatsa nama e e apewang ka mokgwa o o faphegileng wa ngwao ya lona.”
Mokoto ke metswako wa dirwe le mateng a kgomo, ka jalo e felele e le ya boleng le tatso e kwa godimo, ga tlhalosa Kgosi Mosielele.
Kgosi Mosielele a re monate wa mokoto o tlhalosiwa o ka nna wa raela le molwetse yo o idiwang nama ke ba bongaka, ao meletse mathe mme a gakologelwe gore ke molwetse a sena go reletsa leswao la one.
“Ke eletsa go bona batho ba tsile kwa ga MmaNgwato ba tsile go ja nama ya Mokoto. Ngwao ya go ipela le go bua fela ka ngwao ya rona e fetile, ke nako ya gore e sirelediwe, e fetoge kgwebo.”
Tlotlomatsang tsotlhe tse le itsegeng ka tsone, le di rekisetse mafatshe a mangwe e le tsela ya go godisa lefatshe la rona, ga tlhalosa Kgosi Mosielele.
Kgosi Mosielele a re go botlhokwa go ipela le go itlotlomatsa ka ngwao.
Re dira se gape go rotloetsa tebelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2036.
O gakolotse morafe wa Shoshong go somarela le go dibela kapei ya Mokoto gore ba seka ba thanya lo le tsebeng bangwe ba setse ba gweba ka kitso kgotsa ngwao ya bone.
A re go ka gakgamatsa thata go bona mokoto o rekisiwa ke merafe e sele kana baditshaba ntswa e le ngwao ya ga MmaNgwato.
Kgosi Mosielele a re lekgotla la UNESCO le rotloetsa merafe go kwadisa le go somarela ngwao, ka jalo ba ga MmaNgwato ba tshwanetse ba itshwaraganya le lekgotla la UNESCO go kwadisa kapei ya bone ya Mokoto.
O tsweletse a supa gore Bakgatla ba ga Mmanaana kwa Moshupa ba rulaganya moletlo wa dikgafela ngwaga le ngwaga Lwetse a le lesome le bone, le gore ba dirile thulaganyo ya gore monongwaga ba kwadise le go sireletsa tsamaiso ya Dikgafela mo lekgotleng la UNESCO.
Kgosi Mosielele a re dikgafela ke go rotloetsa morafe go lema le go ja tse di tswang mo mabogong a bone.
“Fa pula e nele re tshwanetse go lema mme ra rola puso morwalo, re ja se se tswang mo masimong.
Fa le sa tsenye mashetla mo temong le mo tshomarelong ya ngwao le tlaa felela le aperwe ke lehuma.”
Kgosi Mosielele a re itsholelo ya lefatshe e tshwanetse ya tlotlomadiwa ke bojanala jwa ngwao.
Lona barutegi, dirang gore ngwao e nyalane le go tlotlomadiwa ka methale ya sesha, ga tlhalosa Kgosi Mosielele.
“A re seka ra forega mme ra lebala kwa re tswang teng, re nale boitseanape le barutegi ba ba tswang mo motseng wa Shoshong a re ba phutheng ba thuse go somarela ngwao ya rona.”
O gakolotse basha go anywa kitso e mo bagolong mme ba dirise thutego ya bone go e somarela.
Kgosi Mosielele o akgotse ba Shoshong wa Makgobokane Social Club go simolodisa moletlo wa Mokoto wa Lesoso.
“Ke rata thata ka gore mokgatlho o simolodisitswe ke banana ba ba neng ba kopana kwa maitisong ba itsitsibosa ka nnotagi, mme seo sa seka sa ba dia go dira tse di molemo mo motseng wa bone, segolo bogolo kgang ya go tsosolosa le go somarela ngwao.”
O akgoletse maloko a mokgatlho go dira ba tshwaraganye le boeteledipele jwa morafe, dikgosi le morafe ka kakaretso.
“Re a farologana re le batho, mme go botlhokwa go lemoga le go tsosolosa se se ka re kopanyang.”
Bagaetsho ngwao e a re latlhegela, matshelo a sesha le dithabologo di kgotlhela ngwao ka jalo a le rona re dirise diphetogo tse go e somarela, ga tlhalosa Kgosi Mosielele.
Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele yo gape e leng mothusa tona mo lephateng la tlhabololo banana, metshameko le kgodiso ngwao a re puso e tlaa tswelela ka go ema nokeng maiteko a a dirwang ke merafe go godisa ngwao.
A re lephata la gagwe le thusitse mokgatlho wa Makgobokane ka P86 000 go tshwara moletlo wa go rudisa le go somarela ngwao.
“Re na le dingwaga di le mmalwanyana re ntse re akola Mokoto wa Lesoso.
Ke akgola tiro e e dirwang ke mokgatlho o.
Ke le tlhomamisetsa gore puso e tlaa tswelela e ema nokeng methale ya go godisa le go tswakanya itsholelo.” Rre Makgalemele a re o dumela gore ngwao e ka nna le seabe mo go godiseng itsholelo le go tlhama ditiro.
Le fa go ntse jalo, Rre Makgalemele a re merafe ga e ise e dire mo go kgotsofatsang go supa le go somarela ngwao.
“Re santse re tlhoka motse o re ka o supang, re o tlotlomatsa e le boremelelo jwa ngwao e le ka tse di dirilweng mo go one go godisa le go somarela ngwao.”
Le fa go apaya le go ja mokoto e le ngwao ya rona, ke kopa gore le seka la lebala botsogo jwa lona, a re jeng nama ka selekanyo re babalele mebele ya rona, re tswakanye ka merogo go tila makoa a a bakiwang ke nama, ga tsibosa Rre Makgalemele.
Kgosi Mosinyi Mosinyi wa Shoshong o lebogile tiro e e dirwang ke mokgatlho wa Makgobokane.
“Re rotloetsa mogopolo wa lona ka gore o godisa serodumo sa motse wa rona le go o rekisa kwa baditshabeng ka go supa ngwao ya rona.”
Moletlo oo wa ngwao o rulagantswe ka setlhogo se se itebagantseng le go gakologelwa ditso tsa Shoshong.
E rile a nankola ditso tse ka boripana, Kgosi Mosinyi a supa gore Shoshong o agilwe ke merafe e le meraro; e leng Bangwato, Bakaa le Baphaleng.
A re Shoshong o ka fa tlase ga bogosi jwa ga MmaNgwato kwa Serowe, ka jalo merafe ee mo Shoshong e kgaogantswe ka dikgoro tsa Kgosing wa Serowe.
Kgosi Mosinyi o tlhalositse gore morafe wa Bakaa o wela ka fa tlase ga kgotla ya Basimane, Baphaleng ke ba kgotla ya Maaloso a ngwana fa Bangwato ba ba mo Shoshong bone e le ba Maaloso.
“Ke batla le itse dilo tse, ka gore fa go iwa pitsong kwa Serowe le tshwanetse la ipega ka maina a dikgotla tse.”
O tsweletse a supa gore fa ba le mo kgotleng ya Shoshong, morafe wa Baphaleng ba nna ka fa mojeng fa Bakaa bone ba nna ka fa molemeng wa ga Kgosi.
Ke batla gore le itse dilo tse, ka gore ga le kake la kgona go rekisa ngwao ya lona ka botlalo fa le sa itlhaloganye, ga tlhalosa Kgosi Mosinyi.
“Ke kgothatsa bana ba Shoshong gore motse o ke wa lona jaaka le o bona o setlhafetse, ka jalo ke boikarabelo jwa lona go o godisa leina, sepe se le se dirang se tshwanetse sa tlotlomatsa leina la motse.” BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : SHOSHONG
Event : Moletlo wa Ngwao
Date : 04 Sep 2018



