Lekolori ke mmantswitswidi wa kapei
04 Sep 2018
Mogologolo o rile nonyane ya motsoga pele e ja seboko se se nonneng.
Mme Dineo Lekolori wa Lehututu ke nonyane ya mofuta oo.
Mo pakeng ya mariga, serame mo Kgalagadi e a bo e le se se phatlolang letlalo la mmele.
Makuku a naka tsa kgomo banana ba santse ba natefelelwa ke dikobo ka fa gongwe e a bo e le gone ba gorogang go tswa maitisong, fa ba bangwe ba robetse, Lekolori e ne o a bo a thinkgetse a duba borotho, a swaa seswaa le serobe a sa bolo go se kgoba.
Pele ga oura ya borataro mo mosong ka malatsi a go theogelwang ka one, mme yo o a bo a setse a butse semausu sa gagwe sa dijo, dijo di siame di letile go rekiwa fela.
Ke ka moo Lekolori e leng mmamoratwa wa bareki ba ba fetang ba reka mopako ba palama dibase tsa nako ya borataro tse di yang motse-mogolo Gaborone.
Fa o feta fa semausung sa ga Mme Lekolori, fa gare ga nako ya borobabongwe le lesome mo mosong o ka ipotsa gore a go tlhabilwe kukama, ka batho ba a bo ba kgobokane teng ba le bantsi ba foletse go reka dijo.
Mo puisanong le BOPA, o tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e le maduo a lerato la kapei le a le anyeleng mo losikeng lwa gagwe lo lo itsegeng ka kapei kwa motseng wa Lehututu.
Go rata kapei mo ga gagwe, go ne ga gwetlha mmaagwe le bommangwaneagwe go mo fapaanela ba mo tlhatlhelela ka dithuto tse di tseneletseng tsa kapei.
Erile morago ga go sa direng sentle mo dithutong tsa gagwe tsa lokwalo lwa bosupa, o ne a thatafalelwa ke go bona tiro ka letlhoko la ditiro le ne le ile magoletsa mme a seka a batla go ipona a ingwaya ka meno bakeng la go tlhoka go sa bereka.
Seemo seo se ne sa mo tlama go ya majako kwa Gantsi kwa a fitlhileng a bereka mo marekisetsong a dijo a a farologaneng e le mmaseapei gape e le morekisi.
Tota moono mogolo wa gagwe wa go bereka mo marekisetsong a dijo, e ne e le go kokotletsa madi a tshimolodiso ya kgwebo ya gagwe, go tlaleletsa talente ya gagwe ya kapei le go ithuta matsipa a go tsamaisa kgwebo ka ane a lora go itshimololela kgwebo ya gagwe ya dijo.
Mo dingwageng tse di lesome le bongwe tse Mme Lekolori a di berekileng mo madirelong a dijo, a re baji-bareki ba ne ba nna ba mo akgola gore oitse go gata diamaleng, mme gape ba mo kgala ba re o humisa bahiri a sa itshimololele kgwebo ya gagwe ka a itse go apaya.
Er e le ntswa a ne a itse sentle gore ke mogaka mo go tsa kapei o ne a seka a reetsa dipuo tsa batho mme ka gape a ne a itse fa mmitsantsa a sa tseye thupa o ne a tswelela a bereka a sa ikgasekgasetse bahiri ba gagwe a itse gore ene o gabile go anya dithuto le botsipa jwa go tsamaisa kgwebo.
E re ka Setswana se re setshwara ke ntsa pedi ga se thata, le ntswa Lekolori a ne a setse a kgobokantse madi, kitso le botsipa jwa go simolola kgwebo o ne a ikopanya le tsala ya gagwe ba simolola kgwebo ya dijo kwa Gantsi.
Morago ga dingwaga tse pedi ba dumalana go kgaogana le tsala ya gagwe.
Ka jalo Lekolori, a boela kwa ga bone kwa Lehututu mme a feta a tsweledisa kgwebo ya gagwe mme morago ga ngwaga tse pedi a fudugela kwa Hukuntsi kwa a fetileng a baya semausu sa gagwe fa gare ga Rural Administration Centre (RAC) le sepatela se segolwane sa Hukuntsi.
Go ya ka Mme Lekolori, palo ya bareki ba semausu sa gagwe e gola ka mmetela mo e leng gore gantsi o apaya dijo tse dintsi mme ga a kgone go jesa bareki botlhe, mo go dirileng gore malatsi ano batho ba beeletse dijo nako e sale teng ka mogala.
Fa a bodeiwa gore ke eng se se okelang bareki kwa kgwebong ya gagwe, o tlhalositse gore o ntsha ga tshwene fa a apaya, a re o tswakanya dijo ka mokgwa o o tlaa natefelelang bareki mme ebile ba ka seke ba lebale monate wa teng.
A re se se gogela bareki kwa kgwebong ya gagwe, e bile ba mo tlele ka bareki ba basha ka ba anamisa mo motseng ka monate wa dijo tse a di apayang ba bapatsa kgwebo ya gagwe.
Mme Lekolori a re se sengwe se se mo thusang gore theko ya kgwebo ya gagwe e elele jaaka motswedi wa metsi a a monate ke gore o tsoga makuku a matona go kgotsofatsa bareki ba dibete tsa bone di batlang diyamaleng go sale maphakela le ise le tlhabe.
Godimo ga moo a re o tlotlomatsa bophepa mo kgwebong ya gagwe go itsa tlhagogo ya malwetse a a bakiwang ke leswe mo dijong le tikologo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Eric Raphuti
Location : HUKUNTSI
Event : Polelo
Date : 04 Sep 2018



