Breaking News

Ba amogetse molao-kakanyetso

04 Sep 2018

Banni ba Ghanzi ba amogetse molao-kakanyetso o mosha wa dinako tsa go bulwa ga marekisetso a bojalwa ba supa fa molao o tsile go tsisa pharologanyo e e molemo mo dikgwebong tsa bone.

Ba buile jaana mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mothusa mokwaledi mo lephateng la peeletso papadi le madirelo Mme Ontlametse Wards mo Ghanzi bosheng kwa ba tlhalositseng fa dinako tse disha di siame e bile di tsile go oketsa dipalo tsa babereki ba madirelo ao.

Banni ba ne ba kopa gore go okediwe nako ya night club go tswa mo go ya 4am go ya kwa go 6am ka gore fa motho a tswa kwa maitisong ka nako ya 4am go a bo go le bosigo, ka jalo dilalome di nne le sebaka sa go ba tlhasela.

Ba ne ba kopa gore dibara di bulwe ka 8am e seng 12 gore ba kgone go bona dipoelo ka fa di bulwa ka 1200 ga ba nne le dipoelo tsa sepe, mme ba kopa gape gore go fokodiwe ditlhwatlhwa tsa bojalwa ka jaana e le tsone  tse di dirang gore batho ba simolole go goga metokwane le tse dingwe ka di se turu.

Ba kopile gore dinako tsa majalwa a Setswana di simolole mo mosong jaaka bogologolo ka jaana go na le ba ba tshetsang malwapa a bone ka go rekisa bojalwa ka jalo go tshwanetse ga bulwa ka dinako tse di siameng gore ba kgone go tsenya letseno.

Banni ba ne ba kopa gore Batswana ba rutwe ka tiriso ya bojalwa le bodiphatsa jwa jone mo botsogong.

Ba ne ba supa fa ba itumeletse therisanyo e, ka e le tsela ya go akaretsa maikutlo a setshaba sotlhe fa go dirwa molao.

E rile Mme Wards a ntsha la gagwe a tlhalosa fa ba tsamaya le lefatshe ka bophara ba tsaya maikutlo ka molao-kakanyetso wa dinako tse disha tsa go bulwa ga marekisetso a bojalwa, a ba solofetsa fa a tla isa megopolo ya bone go sekasekwa.  

A supa fa go le botlhokwa gore Batswana ba rerisiwe ka melao gore le bone ba nne le dipaakanyo le dikgakololo tse ba di ntshang.

O bolela fa gape therisanyo e le go lekodisana ka diphetogo tse di tlang gore ba seka ba di bona fa molao o bereka mme ba sa rerisiwa go le pele.

Mopalamente wa kgaolo ya Ghanzi Bokone Rre Noah Salakae o ne a leboga therisano, mme a kopa gore go lebelelwe kgang ya gore kgwebo ya bojalwa ga e a tshwanela go bapa le dikereke, dikole le tsela e tona.

A re paakanyo ya melao e fitlhela ditlhabolo tse dingwe  di le teng. 

Mopalamente Salakae o ne a batla go itse gore fa go okediwa dinako tsa thekiso ya bojalwa a go ne ga sekasekwa pele, e sere kwa morago ga nna le mathata.

O ne a kopa bodiredi jwa molao ba byelaw le mapodisi go dirisana sentle le morafe fa ba diragatsa molao. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Fredriacah Nguahoka

Location : GHANZI

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 04 Sep 2018