Kgosi Kedikilwe o rotloetsa poifo Modimo
04 Sep 2018
Go rera lefoko la Modimo go rotloetsa kagisano le go tsisa masego le matlhogonolo mo matshelong a batho.
Kgosi Ketlhapie Kedikilwe wa kgotla ya Maokatumo yo gape e leng modumedi fa a bua mo potsolosong a re go tshela ka kagisano mo malapeng go botlhokwa fela thata.
A re dikgosi tsa dikgotla tsa Setswana gantsi ba tshereganya batho, a tlatsa ka go re go agisanya batho go tlhokana le lefoko la Modimo.
Kgosi Kedikilwe o tlhalositse fa go baya Modimo kwa pele fa motho e le moeteledipele go le botlhokwa ka go rotloetsa go tsaya batho ka tekatekanyo le go tsaya ditshwetso tse di amogelesegang mo setshabeng.
Mo go tse di tshwenyang, kgosi a re go na le bangwe ba ba alafelang balwetse ba bone mo melapong, a tlatsa ka go re go le gantsi go nna go tlogetswe masalela a dikerese le meteme tse di ka felelang di kgotlela tikologo le go baya botsogo jwa batho le diphologolo mo diphatseng.
Fa a tswa la gagwe Bishop Matenje wa kereke ya St John Apostolic Faith Mission of Botswana a re bogogi jwa metse bo tshwanetse jwa tshwaragana le baruti le dikereke go agela setshaba ka fa tlase ga lefoko la Modimo gore ba itse se ba leng sone mo botshelong.
Moruti o rotloeditse dikgosi go ikakatlela thata ka lefoko la Modimo fa ba eteletse setshaba ka go ka ba fa seriti le tlotlo ga mmogo le go tsaya ditshwetso sentle. “Go agela morafe ka fa tlase ga lefoko la Modimo go rotloetsa boitshwaro jo bo siameng ka gore sekeresete se a aga,” Moruti a tswaela.
Kgosi Gothatamang Kedikiwe wa Diloro o lebogetse kereke ya kereke go baeteledipele fa pele ga Modimo go ba kopela masego le matlhogonolo.
O kopile dikereke go dira jaaka kereke ya St John go tswelela ba rapelela metse le lefatshe leno ka bophara gore le robalelwe ke ditlhokwa, go nne le tshwaragano, morero, neelano le tirisano. BOHUTLO
Source : BOPA
Author : Kealogile Diloro
Location : DILORO
Event : Potsolotso
Date : 04 Sep 2018



