Mokute o tsosolosa ngwao ka poko
04 Sep 2018
E re ka banana ba rotloediwa go itshetsa ka ditalente tsa bone, go intsha mo lehumeng ga mmogo le go fokotsa letlhoko la ditiro, bangwe ba santse ba saletse kwa morago fa bangwe bone ba tsweletse ka go itshetsa ka mabogo a bone e bile maiteko a bone a tswa tema.
Mongwe wa banana ba ba dirisang talente ya bone go tsosolosa ngwao ga mmogo le go itshetsa ke Mme Boitumelo Mokute wa dingwaga tse di masome mararo le bone wa Kanye.
Mme Mokute yo o itshetsang ka go kwala maboko a Setswana, a re o tswa kgakala a rata dipina le maboko mme ya re nako e ntse e tsamaya a bona gole botoka gore a simolole go a kwala go fetisa molaetsa ka fa a lebang dilo ka teng.
A re maboko ke mokwalo o o supang maikutlo a mmoki kana mokwadi ka dilo tse di farologaneng jaaka batho, diphologolo ga mmogo le ditiragalo ka go farologana.
A re gape ke nngwe ya ditiro tsa go tshegetsa ngwao ka go ne go tlwaelesegile thata bogologolo gore maboko a fetisa molaetsa kana go tlotlomatsa le go fa motho seriti.
O tlhalosa gore bogologolo go ne go tlwaelesegile gore kgosi e a bokwa go e fa tlotlo le go e lebogela seabe sa yone mo morafeng, gape ka nako ya meletlo e tshwana le manyalo, monyadi one a bokiwa e le go supa boitumelo jwa gore o tsene mo legatong le lengwe la botshelo.
A re mo kgwebong ya gagwe mo nakong ya gompieno, o remeletse thata mo go kwaleng maboko ka batho, e le go ba tlotlomatsa ba santse ba tshela gore ba seka ba lemogiwa ka ditiro tsa bone le mekgwa ya bone fa ga ba setse ba tlhokafetse.
A re maboko a gagwe o a kwala a dirisa manatetsha puo a Setswana jaaka diane ga mmogo le puo e e bofitlha go supa Setswana se seneng se tlotlilwe thata bogologolo fa go bokiwa go kaya dilo.
MmeMokutearefaabokao kwala motho ka fa a ntseng ka teng, tebego tsa gagwe le se a se ratang gore mmadi le ene a kgone go nna le setshwantsho sa motho fa a bala leboko leo.
A re o leboga morotlotsi wa gagwe yo motona ebong, Tautona Mokgweetsi Masisi ka a nnile le seabe se golo mo kgolong ya kgwebo ya gagwe, ka a ne a mofa maele a go ka tokafatsa kgwebo ya gagwe ga mmogo le go mmapatsa.
O tlhalositse gore Rre Masisi onearekamabokomogoene, mme seo sa mo dira motlotlo ga mmogo le go mofa ipapatso ya maemo a ntlha kwa dikhanseleng le bodiredi jwa puso.
A re seo se ne sa mo tiisa moko le gore a itse gore fa a dira leboko a le dire ka botswapelo gore letle le kgatlhe moreki.
A re le fa a tsweletse sentle, o nalekgwetlhoyamadikagole turu go dira leboko le le feletseng, jaaka go le ntlafatsa ka foraime ga mmogo le go dira dikgatiso tsa lone.
A re dikgatiso di a tura ka di fa mokwadi boikarabelo le tshwanelo e e tsepameng ya gore ke ene mong wa mokwalo oo gore ope a seka a mokopela.
Le fa gontse jalo, a re maikaelolo a gagwe ke go kwala maboko a mangwe ka sekgoa go boka bajanala ga mmogo le ditso tse di amanngwang le bojanala, e le sesupo sa gore o leboga seabe se bajanala ba nang le sone mo kgolong ya itsholelo ya lefatshe la Botswana.
Mme Mokute o weditse ka go rotloetsa banana botlhe go dirisa botswerere jwa bone go itshetsa. A re talente ke yone tiro mo nakong eno, ka jalo go botlhokwa gore banana ba iphire ba ijese. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : KANYE
Event : Polelo
Date : 04 Sep 2018



