Kgwebo ya matlo a boroko e a nametsa
04 Sep 2018
Maiteko a go simolodisa le go tlhabolola dikgwebo tsa boroko jwa bajanala ga mmogo le baeng mo mafelong a a farologaneng go nnile le seabe mo go tokafatseng itsholelo ya lefatshe le mafelo a dikgwebo tseo di leng mo go one.
Dingwe tsa dikgwebo tsa mofuta o, di ngoka batho ba ba kgakala ba le bantsi ka jaana di faphegile ka botswerere e bile di na le ditsompelo tsotlhe tse moeng a ka di tlhokang fa a baa tlhogo teng.
Rre Themba Habana wa dingwaga tse di masome marataro le boraro o ne a dira ka manontlhotlho e bile a sa ipone tsapa, go simolola kgwebo ya gagwe ya go thusa batho ka matlo a boroko, morago fa a sena go tlogela tiro ya gagwe ya pele.
Rra Habana yo e leng monni wa Nata a re go goleng ga gagwe o ne a na le mogopolo wa go thusa ka boroko baeng ba ba fetang ka Nata.
O tlhalositse fa Nata a itsege ka mafelo a a farologaneng jaaka Nata Sanctuary, mme batho ba etela lefelo leo ka dipalo tse di kwa godimo.
Rre Habana o tlhalositse fa e ne ya re ka 2014, a simolola go aga matlo a matlhano, mme kamore e le nngwe fela e duelwa P510 ka letsatsi.
A re o ne a itlama go aga matlo a a kgatlhisang le go baya lefelo la gagwe phepha ka dinako tsotlhe, gape a tlhalosa fa go babalesegile e bile go sena modumo mo lefelong leo.
Fa godimo ga moo, Rre Habana yo o ipelang ka ngwao, o ne bitsa lefelo la kgwebo ka puo ya Sekalaka a re, Gomwe. Leina le, le raya khudu.
A re o ne a bitsa lefelo leo jalo ka go tsere lobaka lo loleele gore a gorogekwa torong ya gagwe.
Gomwe ke nngwe ya dikgwebo tse di tumileng thata mo Nata le mafelo a bapileng, ka jaana bodiredi jwa gagwe e le jo bo duleng diatla gape go na le boitshwaro jo bo ka elediwang ke mmereki mongwe le mongwe.
Rre Habana a re e rile fa kgwebo e ntse e gola a godisa ditlamelo le bodiredi.
A re se se mo jesang diwelang kegorekgweboyagagweemo direla go nametsa ka jaana a kgona go phutholola letsogo mo madirelong a a farolaganeng a motse jaaka dikolo.
O tlhalosa gore jaaka mogwebi mongwe le mongwe, a na le dikgwetlho mme o ne a tlhoafalela go tokafatsa seemo, bogolo jang ka mosadi wa gagwe, MmeKeamogetseHabanaamo eme nokeng ka nako tsotlhe.
Maikaelelo a gagwe a re ke go tswelela a aga matlo a boroko mo mafelong a a farologaneng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaobale Sinyangwe
Location : NATA
Event : Tshekatsheko Kgwebo
Date : 04 Sep 2018



