Breaking News

Lenaneo le tokafatsa itsholelo ya metse

04 Sep 2018

Lenaneo la Ipelegeng le tsweletse ka go tswa tema mo metseng ka go farologana ka le bolelwa fa le tokafatsa itsholelo ka go namola Batswana mo letlhokong la ditiro le le apereng lefatshe ka bophara.

Se se supilwe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo tsa motse mo potsolotsong le BOPA bosheng, Rre Ditshwanelo Shororo a kaya fa lenaneo leo le ba solegetse molemo mo go tlhabololeng motse wa bone mmeaakgolapusogoboeba okeleditse dipalo tsa babereki ba le12mogodimogabale155go dira palo yotlhe go nna 167.

O akgotse puso go menagane a re morago ga gore ba angwe ke morwalela dingwaga tse pedi ba kgona go oba letsogo ka Ipelegeng ka dipalo tsa batho mo motseng di kgona go oba letsogo.

O tlhalositse fa ba tswa kgakala ba le dirisa go nna le

ditlhabololo tsa sennela ruri jaaka go agela batlhoki matlho a boroko le go phepafatsa motse ka go rema ditlhare le go sela matlhakala gammogo le go tlhagola mo dikoleng.

O supa fa le direla komiti ya ditlhabololo tiro mothofo go diragatsa dikeletso le ditoro tsa motse wa bone ka nako e maleba.

A re ngwaga ono ba aga matlo a batlhoki a le matlhano, ofisi ya ga mmaboipelogo, ofisi ya komitiyaditlhabolotsamotsele kamore e beelang didirisiwa tsa bone gammogo le tshingwana ya merogo e ba solofetseng go le gontsi mo go yone.

O ne gape a galaletsa lenaneo la go apeela badiri ba Ipelegeng, a supa fa baapei ba kgona go tlhabolola matshelo a bone ka dikatso tseo.

RreShororoarebanniba motse oo ba ithusa thata ka Ipelegeng ka go sena ditiro mo metseng e mebotlana mme a gwetlha botlhe go dirisa lemme le ba le obang mo Ipelegeng ka

boikarabelo go na le go jela fela mo ganong ka ba nale kgwetlho ya go aga bonno jwa bone.

Go ntse go le foo, o rotloeditse banana gore ba lese go inaakanya le Ipelegeng ka ba santse ba na le monyetla wa go ka dirisa mananeo a mangwe a puso jaaka Tirelo Sechaba, a dikgwebo tsa banana le la go boela sekoleng ka dingwaga tsa bone setse di letla.

Rre Shororo o tlhalositse fa go nalemananeoalemmalwaaa ka thusang banana go itlhamela dikgwebo tse dipotlana jaaka LIMID, YDF le la nyeletso lehuma.

A re ka ditsompelo dingwe di le thata go ka bonwa le kitso go se botlhe ba ba nang le kitso e e kwa godimo o ba rotloetsa go remelela thata mo dikgwebong tsatemo-thuokabontsibogodile bo disa gape bo lema.

A re go dirisa mananeo a puso ke gone fela mo go ka rarabolang letlhoko la ditiro le le ba farafereeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Joseph Tlholego

Location : ZOROGA

Event : Potsolotso

Date : 04 Sep 2018