Breaking News

Bakwena ba ipelela ngwao

04 Sep 2018

Ka Matlhatso Bakwena ba ne ba ipelela letsatsi la ngwao, mo moketeng o o tshwarwang ngwaga le ngwaga wa Dithubaruba.

Bakwena ba ga Sechele ba ne ba na le Bakwena ba ba tswang Afrika Borwa le Namibia, ka e le batho ba le bangwe, ba kgaogantswe fela ke melelwane.

Bakwena ba Phokeng, ba Phalane, ba ga Moloto le ba ga Mogopa, ba ne ba tseneletse moletlo o mme ba supa fa ba o itumelela ka jaana ba kgonne go ithuta go le gontsi ka ditso le ngwao ya tsone.

Ba ne ba supa fa ba ka itumela gore Dithubaruba di tshwarelwe mo mafatsheng a bone, Bakwena botlhe ba tle ba itsane le go amogana ngwao.

Bakwena ba Afrika Borwa ba supile fa ba itumelela ka mo puso ya Botswana e tsamaisiwang ka teng, ka molao motheo o sireletsa ditsamaiso tsa ngwao, mme ba supa fa ba tshwanelwa ke go rotloetsa lefatshe la bone gore le dire jalo.

Mothusa Tona wa Banana, metshameko le ngwao Rre Dikgang Makgalemele, o gwetlhile Bakwena gore ba dire motse wa bone boremelelo jwa ngwao.

O boletse fa mo nakong eno, Botswana a sena motse o o ka supiwang jaaka wa ngwao, o bajanala ba ka o etelang fa ba

batla go ithuta ka ngwao ya Batswana.

Ka jalo, o tlhalositse fa Dithubaruba e sa tshwanela go nna letsatsi le le lengwe, go bo go lebalwa ka ngwao, mme Bakwena ba tshwanetse ba tshegetsa ngwao ya bone ka metlha yotlhe.

Motse o o tlhomilweng boremelelo jwa ngwao, o ka nna le itsholelo ka bajanala ba ka o etela, mme se se tlhame ditiro mo motseng tse di akaretsang tsa bodiragatsi le go dira dilwana tsa setso.

Mothusa tona o ne gape a supa fa ngwao e ka dirisiwa go tswakanya itsholelo, ke ka moo puso e dirileng mananeo a le mmalwa a a rotloetsang ngwao.

Fa a itebaganya le banana, Rre Makgalemele o supile fa ngwao e ka dirisiwa go bopa banana, ya nna batho ba ba nang le boikarabelo mo setshabeng.

O supile fa banana ba na le kgwetlho ya dingwao tse di farologaneng go tswa kwa mafatsheng a sele, mme a ba kopa gore ba kope mekgwa e e siameng, e e ka ba tlhabololang.

A re ga go motlhofo go tshela mo nakong eno, e mafatshe a setseng a kopane, ka go na le dingwao tse di ntsi tse di farologaneng, mme a re se ga se a tshwanna go nna kgwetlho, mme di ka kopanngwa le Batswana, ka ngwao e nna e fetoga le dinako.

Rre Makgalemele o buile fa go simolodisiwa ga Dithubaruba ka 2007, go nnile le dipoelo ka jaana di beile mo mpepeneng ngwao le ditso tsa Bakwena.

Dithubaruba gape di fa batho ba Kweneng seriti le sebaka sa go ikgantsha ka ngwao ya bone, le go rotloetsa Bojanala jwa ngwao.

Mothusa tona o boletse gape gore Dithubaruba di fa banni ba Kweneng sebaka sa go rekisa dithoto tsa bone tsa setso, le go somarela ngwao ya bone.

O kopile komiti e e rulaganyetsang moletlo o, go nna ba tswelela ba godisa boleng jwa tsone, gore e tle e nne moletlo o motona, wa maemo a mafatshe fatshe.

Letsatsi le simolotse ka dikgafela, bomme go tswa mo dikgotleng tse di farologaneng ba afa Kgosi Kgari III sebase robileng mo thobong e e ftileng.

Go ya ka ditso tsa Bakwena, dibeke di le tharo morago ga go ntshiwa ga dikgafela, kgosi o bolotsa letsholo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MOLEPOLOLE

Event : Moletlo wa Dithubaruba

Date : 04 Sep 2018