BOCRA e tsentse letsogo mo thutong
04 Sep 2018
E re ka Thuto e le yone konokono mo bokamosong jwa Motswana mongwe le mongwe, puso le makalana a a ikemetseng go ralala lefatshe lotlhe ba kgaogelwa ke mpeetshane go ka tokafatsa maduo a bana ba dikole.
Lekalana la Botswana Communication Regulatory Authority (BOCRA) le tsere matsapa a go tswa ka methale e e
farologanyeng ya go nna le seabe mo go tlhabololeng dithuto ka dibalamakgolo le maranyane a enthanete.
Sekole se sebotlana sa Lehututu mo Kgalagadi Bokone ke sengwe sa tse di nnileng lesego mo lenaneong la BOCRA la go ruta bana dibalamakgolo.
E rile mo potsolosong le BOPA, mogokgo wa sekolo seo, Rre Tebogo Bogosi a re lenaneo le le adilwe sentle gape ka nako e e maleba ka gompieno
maranyane a baya dilo bonolo, a re go tokafatsa fela thata maduo a baithuti ka le bone ka bonosi ba ka kgona go tsena fela mo maranyaneng Mme ba kgone go bala,kana go boisana le bankane ba bone kwa dikolong tse dingwe go fana maele.
Rre Bogosi a re dithuto tse di simologile sentle monongwaga ka Tlhakole, a re le fa mororo di dirisiwa tsone di sale di tsile ngwaga o ofitileng,fela ga bo go sena morutintshi,Mme o
ne a tlhalosa gore dithuto tse diakaretsa baithuti go simolola fela ka ba ngwana o ruta ngwana/ thuto go tswa kwa moding go ya go felela ka ba lekwalo la bosupa.
O ne a tlhalosa gape gore lenaneo le ga se gore go rutwa fela bana ba sekole dibalamakgolo ba le nosi, a re le barutabana ba a rutintshiwa, a re se ke ditshegofatso go tswa kwa Modimong.
Areonaletumeloeetletseng ya gore lenaneo le le tsile go ntsha maduo a a nametsang.
OneasupafabaBOCRAba ne ba solofetsa gore le batsadi mo Lehututu ba na le keletso ya go ba fitlhelela.
Arelenaneolefabakale amogela ka matsogo oo mabedi le ka ba tswela mosola.
Mogokgo o lebogetse ba BOCRA go ba tswa thuso ka lenaneo le le le ka a re gompieno bana go tsile go nna bonolo mo go bone fa go buiwa ka dilo tse di tshwanang le Palamente ya Botswana, dinoka, diphologolo tsa naga ka ba ka kgona go di bona mo maranyaneng, mme go nne bofefo go ka tlhaloganya.
Rre Bogosi a re le fa go ntse jalo o na le matshonyego ka batsadi ba ba ikgatholosang dithuto tsa bana ba bone.
A re ngwana go nna motlhofo fa le batsadi ba gagwe ba na le seabe mo dithutong tsa gagwe, ka jalo o kopile morafe go tsaya maikarabelo ka dithuto tsa bana ba bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Othusitse Letlotlo
Location : LEHUTUTU
Event : Potsolotso
Date : 04 Sep 2018



