Breaking News

Batswana ba kgothadiwa go ikwadisetsa ditlhopho

04 Sep 2018

Mogolwane wa lekgotla la ditlhopho kwa Francistown Rre Nyanga Nyanga o kgothaditse Batswana go dirisa sebaka se se beilweng sa go ikwadisetsa ditlhopho tsa setshaba tsa ngwaga o o tlang.


Rre Nyanga o dirile kgothatso e bosheng fa a buisana le BOPA mo potsolotsong, a tlhalosa fa ikwadiso e simolotse maabane e fela ka Ngwanaatsele a le lesome le motso.

O tlhalositse fa ikwadiso e e dirilwe go nna malatsi a maleele go fa Motswana mongwe le mongwe yo o nang le tshwanelo ya go ka tlhopha gore a kgone go ikwadisa ka jaana go tlaa seke go nna le ikwadiso ya tlaleletso.

Ke gone ka moo a neng a kgothatsa Batswana go dirisa sebaka se go ikwadisetsa ditlhopho tsa bosechaba mme ebile a supa fa lekgotla la gagwe le dirile tsotlhe tse di tlhokegang go tlamela ikwadiso e.

A re tse di tlhokegang gore motho o ka ikwadisetsa ditlhopho ke gore a bo a na le dingwaga tse di lesome le borobabobedi le go feta, e le Motswana yo o nang le Omang o o mo tirisong.

Rre Nyanga o tsweletse a tlhalosa fa ope fela a letlelesega go ka ikwadisetsa ditlhopho kwa a tlholegang teng kgotsa kwa a nnang teng a eletsa go tla go tsenya tlhopho ya gagwe teng.

O tlhalositse fa mo pakeng e e fitileng ya ditlhopho tsa bosetshaba tsa 2014, ba ne ba kgonne go kwadisa batlhophi ba le 34 993 mo dikgaolong tsa botlhophi tsa Francistown, mme mo pakeng eno e le tsholofelo ya bone gore ba tla kwadisa palo e efetangegomenagane.

O ne a tlatsa ka go gwetlha segolo bogolo basha go di goga kwa pele mo go tseeng karolo mo ikwadisong e gore ba tle ba nne le seabe mo ditlhophong.

O tlhalositse fa gangwe le gape basha e le bone ba agang ba le maoto a tshupa go ka tsaya karolo mo ditlhophong, a tlatsa ka go tlhalosa fa go tsaya karolo mo ditlhophong e le sekao sa gore o a bo o tsaya karolo mo ditlhabololong tsa lefatshe leno.

Rre Nyanga gape o ne a kopa bodiredi jo bo tlaa bong bo lebane go kwadisetsa batlhophi ditlhopho go dira tiro e ka matsetseleko le manontlhotlho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 04 Sep 2018