Breaking News

Ba Boteti ngongorega ka therisanyo

03 Sep 2018

Makhanselara a Boteti a kgadile koporase ya Water Utilities ba re ga e rerisane le bone ka mathata a metsi.

Ba buile jalo kwa phuthegong ya khansele-potlana ya Boteti e e neng e tsene mo Letlhakane, ba re le fa go na le mathata a metsi ba WUC ga ba tsibogele go rerisa setshaba ka seemo sa metsi.

Ba ne gape ba re ba batla go tlhalosediwa gore lenaneo la go agwa ga lefelo le le tlhatswang metsi la Southern Central cluster le simololwa leng ka ba solofetse gore ke lone le ka arabang selelo sa bone.

Mokhanselara wa Mmadikola/Xhumo Rre Elijah Motsamai o ne a ngongorega ka gore kwa Mmadikola metsi a tsena mo tankeng mme ga a kgone go phatlalala le motse.

Mokhanselara wa Toromoja Rre Solomon Cornelius a re Toromoja ga a na metsi gotlhelele e bile o nosiwa ka koloi.

Rre Cornellius a re matshwenyego a magolo ke gore ga ba sielwe metsi sentle jaaka ba ne ba solofeditswe, a tlatsa ka gore batho ba Toromoja ba bolawa ke lenyora.

A re ba ne ba ba solofeditse gore ba tlaa ba siela metsi gararo mo bekeng.

Mokhanselara wa Mopipi Rre Matshwenyego Shaka a re ba tshwenngwa lenyora.

Rre Shaka a re ba ne ba solofetse gore kgang ya lenaneo la Southern Central Water Plant cluster e tlaa rarabolola mathata a metsi.

Mokhanselara wa Tsienyane Bophirima Mme Batoli Manyuni o ne a botsa gore thulaganyo eo e direlwa kae fa ba sa lekodisiwe ka yone e bile go sena se ba se bonang se tsweletse pele.

Mokhanselara yo o itlhophetsweng Rre Baobonye Loeto a re badiri ba koporase ya metsi ba palelwa ke go laola seemo sa metsi.

Rre Loeto a re ba palelwa ke go tswa ka maano a gore ba ka thusa batho jang gore ba bone metsi a tlhalosa fa Mopipi a sena metsi.

A re fa go buiwa ka seemo sa metsi ba arajwa ka madirelo a metsi e e tlaa dirwang, a tlhalosa gore ba batla mogolwane wa metsi gore a tle go rarabolola mathata.

E rile a ba araba, Rre Gojamang a re ba bua le bogogi jwa motse nako tsotlhe fa go na le mathata a metsi.

Rre Gojamang a re mathata a Mopipi ke gore go na le tshenyo e ntsi ya didirisiwa tsa metsi e e leng yone e dirang gore metsi a tlhaele.

Fa a bua ka kgang ya madirelo a metsi a southern central water plant cluster a re ba kopile madi kwa bankeng ya mafatshe, ka jalo lenaneo la teng le na le tsamaiso e e nang le dikarolo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LETLHAKANE

Event : phuthego ya khansele

Date : 03 Sep 2018