Breaking News

Kgosi o itumelela tshwaragano

03 Sep 2018

Kgosi Othusitse Mosimane wa Khudumelapye o akgoletse batho ba motse wa gagwe tirisanyo mmogo le tshwaragano mo go rulaganyetseng moletlo wa ditebogo kwa motseng oo.

Kgosi Mosimane o buile jaana kwa motseng oo jaaka morafe wa Khudumelapye o ne o isitse ditebogo kwa kgotleng e le tsela ya go ipelela le go lebogela thobo ya ngwaga wa temo o o fetileng bosheng.

Kgosi o ne a kopa banni go tswelela ka go tshwaragana.

O tlhalositse fa tirisanyo ya morafe e ka isa motse kwa pele le mo go tsiseng ditlhabololo tota, mme a kgothatsa batho ba motse oo go itlwaetsa go itirela ka di-tsa bone go na le go baya sengwe le sengwe mo pusong.

O ne gape a kgothatsa bagolo go nna ba rotloetsa bana ba bone go tsenelela ditiro tsa setso jaaka ditebogo le letsema e le tsela nngwe ya go ba rolela ngwao.

Fa a lekodisa ka maikaelelo a moletlo oo, modulasetilo wa komiti ya balemi Mme Gobotswang Mosesane o tlhalositse fa ba le mo ngwageng wa lesome le bobedi ba ntse ba tshwara moletlo oo, mme a tlhalosa fa maikaelelo magolo e le go leboga Ramasedi go ba nesetsa pula ya go ntsha dijo.

O tlhalositse fa ba simolotse moletlo oo morago ga go lemoga fa balemi ba kgaolo eo ka bontsi ba nna ba dira sentle ngwaga le ngwaga kwa ditshupong tsa temo-thuo tsa kgaolo kwa Letlhakeng.

O ne a solofetsa fa moletlo oo, o tlaa tswelela o tshwarwa ngwaga le ngwaga, mme a kopa banni go tsenya letsogo mo go o baakanyetseng.

Sebui sa letsatsi, Rre Motlapele Kukama, yo e leng molemi, o ne a rotloetsa balemi ka ene go nna pelotelele le go bereka ka thata fa ba batla maduo a a botoka kwa masimo.

A re go bereka ka natla moo go akaretsa le go amogela diphetogo tse disha mo temong, jaaka tiriso ya didirisiwa tsa segompieno le go tsaya dikgakololo tsa bomaitseanape ba temo.

A re seo se botlhokwa segolo jang mo pakeng eno ya phetogo ya loapi.

O ne gape a ba kgothatsa go dirisa menontshane mo masimo  ga mmogo le go tlhagola mhero go na le go lema ba bo ba phuaganya masimo ba boela magaeng.

A re fa ba ka tswelela ka mokgwa oo, temo ya bone e tlaa nna ya lefela.

Rre Kukama gape o ne a rotloetsa balemi ba kgaolo eo go nna le pelo ya kgwebo mme ba lese go ipelafatsa ka lemmenyana la thobo.

O ne a ba gakolola fa dikgwetlho di tshwana le letlhoko la madi le mmaraka di sa tshwanela go ba kgoba marapo go ntsha dijo, mme a kopa puso go thusa balemi go bona mmaraka o o botoka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Olekantse Sennamose

Location : LETLHAKENG

Event : Moletlo wa Ditebogo

Date : 03 Sep 2018