Banni ba ikuela mo go Tona Khama
03 Sep 2018
Banni ba Maun ba ikuetse mo go tona wa tikologo, di-tsa tlholego le bojala Rre Tshekedi Khama ka diphologolo tsa naga mo kgaolong ya bone.
Fa a amogela morafe mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tona Khama mo Maun bosheng, motshwarelela bogosi jwa Batawana Kgosi Kealetile Moremi o ne a lebogela loeto loo lwa ga Tona Khama a re morafe o sale o le nyoretswe.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Moremi o ne a re letshwenyo la ditlou le ile magoletsa e bile a re keletso ya morafe ke gore letsomo le le laolwang le bulelwe.
A re lehuma le apere kgaolo eo ka bontsi bo tshela ka temo-thuo mme ka maswabi loruo le angwa ke diphologolo tsa naga, jaaka tlhagogo ya bolwetse jwa tlhako le molomo le go senngwa ga masimo ke ditlou.
Banni bangwe le bone ba ne ba tshwaela fa diphologolo tsa naga di ba apesitse kobo ka letshoba.
Rre Tebogo Tsheko wa komiti kgolo ya ditlhabololo tsa motse o ne a ikuela mo go Tona fa diterata tsa dipholologolo di atumetse mo metseng ya batho, ka jalo diphologolo tseo di tshwenya, e bile di senya di-tsa batho le tsa puso tota.
Mogwebi mo Maun, Rre John Wellio ene o ne a tshwaela fa palo ya ditlou e oketsegile go gaisa, ka jalo di setse di tsena mo motseng di tswa mo lefatsheng le le diretsweng tsone fela.
Rre Wellio o ne gape a re modumo wa difofane o montsi mo makgobokgobong o ka tswa o na le seabe mo phudugong ya ditlou mme di ye kwa bathong.
Fa a ba kgwa dikgaba, Tona Khama o ne a kopa banni ba kgaolo eo ya Bokone Bophirima go tshwaragana le lephata la gagwe go batla tharabololo ya matshwenyego ao a diphologolo le tikologo.
Le fa go ntse jalo Tona Khama o ne a re bojanala bo na le seabe se se kwa godimo mo itsholelong ya lefatshe leno mme bo ikaegile ka tsone diphologolo tsa naga.
O ne a re go supa fa go na le kgolo e ntsi ya bajanala ba ba etelang lefatshe leno, selo se a reng se a itumedisa ka bojanala jone bo ka tshetsa lefatshe leno go ya go ile go na le diteemane tse di gomagomediwang ke go fela mo dingwageng tse di masome mararo tse di tlang.
Rre Khama ka jalo o ne a kopa banni ba Maun le kgaolo yotlhe ya Bokone Bophirima go wela dibete ka dikgang tse di ba tshwenyang, a re bojanala bo tshetsa Batswana ka bophara e seng fela mo dikgaolong tse bo remelesetseng mo go tsone.
Tona Khama o ne a supa fa lephata la gagwe le tlaa simolola go tlhola batho ba kgaolo eo kgapetsakgapetsa go buisana ka matshwenyego a bone.
Mme o ne a tshwaela fa a kile a rerisanya le magosi oo-Tawana le morafe mo bokopanong jo bo faphegileng mo kgaolong eo.
O ne gape a re ba tlaa itebaganya le matshwenyego a Khwai/Mababe le dituelo tsa ba ba senyeditsweng ke loruo go fitlhelela ka Phalane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 03 Sep 2018



