Kgosi Nkgageng a re ya mosimane ke e nkgwe
02 Sep 2018
Lekgotla la ditsheko la Setswana la Tati Siding le sa tswa go pega borre bangwe ba le babedi dithupa tse thataro mongwe le mongwe wa bone ka molato wa bogodu.
Banna bao, Mompati Charles wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabobedi wa kgotlana ya Ngwenya kwa Tati Siding le Obonetse Obonetse wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabongwe wa kgotlana ya New Stance e ntse e le kwa Tati Siding, ba ne ba pegwa dithupa tseo ba sena go bonwa molato wa go utswa konkoreiti ya selekanyo sa 15 tonnes.
Konkereiti eo, go tlhalosiwa fa e le ya kompone e basekisiwa ba direlang mo go yone ya Colik, e e agang matlo a Botswana Housing Corporation(BHC) kwa motseng wa Tati Siding.
Go ya ka mabaka a kgang, e ne ya re Phatwe a le lesome le borataro, bobedi joo ba le mmogo ba ne ba ya go folosa kokoreiti eo kwa lelwapeng lengwe gone kwa Tati Siding ka maikaelelo a go e rekisa, go na le go ya go e folosa kwa e neng e tshwanetse go ya teng.
Ba kompone ya Colik ba ne ba lemoga seo mme ba begela mapodisi, ka jalo kokoreite e ne ya fitlhelwa kwa lelwapeng leo.
Basekisiwa ba ne ba ipona molato mme ba kopa lekgotla go ba utlwela botlhoko, ba supa fa kgolegelo e ka ba baya ba malwapa a bone ka fa mosing.
Mosekisiwa wa ntlha Charles o tlhalositse fa a tlhokomela bana ba gagwe ba le bararo le ba lelwapa la gagwe fa mosekisiwa wa bobedi Obonetse le ene a boletse fa a tlhokomela ngwana wa gagwe e bile a supa fa a santse a le monnye go ka fetola maitshwaro a gagwe mme a itirela bokamoso jo bo siameng.
Fa a ntsha katlholo, Kgosi Simon Nkgageng wa Tati Siding o ne a supa fa molato o o dirilweng ke basekisiwa o ka baka gore ba ye kgolegelong lobaka la dingwaga tse supa.
Kgosi Nkageng o ne a re fela o tsere tsia boikuelo jwa bone le gore gape ke la ntlha ba dira molato, ka jalo o ne a laela gore kokoreite e busediwe kwa komponeng ya Colik.
Go ntse go le foo, Kgosi Nkgageng o ne a gakolola batho kgatlhanong le go reka dilwana tsa bogodu, a re seo se ka felela se ba tsentse mo mathateng a a ka bakang gore ba tseelwe dikgato tse di maleba ka go bo go dira jalo e le go rotloetsa borukutlhi.
A re ope yo o ka bonwang molato wa go reka dithoto tsa bogodu, o lebanwa ke katlholo ya ngwaga mo kgolegelong kgotsa a atlholwa madi a a farologaneng go ya ka boleng jwa se a tla bong a se rekile.
O ne a rotloetsa batho go dira dipatlisiso tse di tseneletseng pele ga ba reka sengwe mo mongweng go tlhomamisa gore a ke morekisi yo o tlhomamisitsweng go rekisa selo sa go nna jalo, a re e bile go botlhokwa gore fa ba reka ba ne ba batla bosupi bo tshwana le resiti. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : TATI SIDING
Event : Tsheko
Date : 02 Sep 2018



