Breaking News

Bulelang setshaba dikgoro tsa diofisi - Botlhole

02 Sep 2018

Badirela puso ba  kgothaditswe go thusa setshaba ka  botho le go ba fa ditirelo le ditlamelo tsa maemo a a kwa godimo  ka dinako tsotlhe.

Kgothatso e e dirilwe ke mothusa mokwaldi mo lephateng la merero ya ofisi ya ga Tautona le tsamaiso puso le bodiredi Mme Bokhutso Botlhole mo phuthegong e e neng e tshwerwe mo Tsabong bosheng.

Fa a buisa bodiredi jwa  lephata la dikitso le kgaso le ba ofisi ya ga molaodi, o ne a ba gakolola go dirisa didirisiwa le ditsompelo di tshwana le dikoloi tsa puso gore ba tsweledisa mananeo a puso.

A re ofisi ya ga molaodi ke yone seipone sa gaTautona mo go tlhomamiseng gore mananeo a puso a tshwana le a nyeletso lehuma a a ka ntshang Batswana mo lehumeng  a goroga kwa go ba ba tshwanetseng gore e re ka 2036 matshelo a bone a bo a tokafetse.

Mme Botlhole o ne a bolela fa maikaelelo a phuthego eo e ne e le go tla go lekola badiri ba lephata  leo, go   utlwa matshwenyego  le botsogo  badiri jwa bone le go tswa  ka ditharabololo tsa one.

O ne a  gwetlha badiri  gape go ipaakanyetsa ditlhopho tsa setshaba tse di tlang gore ba tle ba kgone go tsamaisa tiro ka manontlhotlho.

O ne a gatelela gore baeteledipele ba maphata ao ba bee leitlho ka fa madi a go bereka morago ga nako a dirisiwang ka teng le gore  ba tshwanetse go dumalana pele le ba ba ba okametseng selekanyo sa dioura  pele ga ba di bereka.

Mothusa mokwaledi o ne a  gwetlha  gape  baeteledipele ba maphata ao go duela badiri ba ba thapilweng ka nakwana ka nako e e tshwanetseng.

Fa ba mo kgwa dikgaba,  badiri ba ne ba ngongorega ka go tlhoka go tsholediwa  maemo le ntswa ba na le ditlankana, go berekela golo go le gongwe lobaka lo lo leele, letlhoko la boroko le diofisi  le diemo tse di sa siamang tse ba berekelang mo go tsone.

Ba ne ba supa fa kgaolo eo e le kgakala le gore mo pakeng ya  diphefo, mariga le selemo ba tlhoka difetlha phefo kwa diofisng le mo matlong a ba nnang mo go one. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Phuthego

Date : 02 Sep 2018