Go iphitisa dino go a tshwenya
02 Sep 2018
Ba lephata la botsogo le boitekanelo ba boloditse letsholo la patlo maikutlo mo setshabeng ka go nowa ga bojalwa phetelela le ditlamorago tse di bakwang ke go dira jalo.
Moemedi go tswa mo lephateng la botsogo le boitekanelo, Rre Joel Bosekeng a re ba itemogetse fa go nowa ga bojalwa phetelela go tla ka ditlamorago di le mmalwa mme ebile di ama sechaba.
A re nngwe ya ditlamorago tseo ke go baka dikotsi mo tseleng mo go bakang gore matshelo a batho a latlhege fa ba bangwe di ba bakela bogole.
O ne a tlhalosa gore bojalwa bo baka malwetse a a farologaneng a a akaretsang kankere.
Rre Bosekeng o ne a tlhalosetsa setshaba se se neng se tshologetse patlo maikutlo e gore, e akaretsa go bodiwa ga dipotso di le lesome le bosupa, mme morafe o fe dikarabo le go akgela mo dipotsong tse di boditsweng.
E rile fa ba akgela, morafe wa supa fa ba tshwenngwa ke go nowa ga bojalwa phetelela ga banana ka go ba bakela botlhoka tsebe.
Ka mmualebe o bua la gagwe, Mme Keromemang Matswe o ne a re o eletsa fa bojalwa bo ka emisiwa ka bo rotloetsa boitshwaro jo bo makgwakgwa ebile ba sa tlotle batsadi mo malapeng.
Mme Dineo Namane ene a re bojalwa bo seka jwa emisiwa ka bo tshetsa bagwebi ba ba bo rekisang, fa marekisetso a thapile banana.
A re thekiso ya bojalwa e mosola ka lekgetho la bojalwa le busa madi a mantsi a a dirisiwang go dira ditlhabololo mo lefatsheng.
Kgosana Jabafu Rammala a re puso e dirile sentle ka go kgaola ipapatso ya bojalwa mo segwaneng sa ditshwantsho ka e ne e le botlhabetsi mo bananeng.
“Fa bana ba rona ba leba tsa ipapatso, ba tlelwa ke dikakanyo di sele ka ntlha ya se ba se bonang mo segwaneng sa ditshwantsho”, ga bua Kgosana Rammala.
O ne a tlhalosa gore ipapatso e ne e le botlhabetsi ka e ne e rotloetsa ba ba sa lekanang go nwa bojalwa go lekeletsa mme se se ba tsenye mo diphatseng.
Rre Omphile Thekiso a re thuto ka bodiphatsa le ditlamorago tsa go nowa ga bojalwa phetelela di tshwanetse tsa rutwa mo go tseneletseng kwa dikoleng gore bana ba tle ba gole ba na le kitso e e tseneletseng.
A re fa bana ba ka gola ba itse ka bodiphatsa jwa go nwa bojalwa, go ka nna botoka ka ba tlaa bo ba na le thuto le kitso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebo Rakanyane
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego
Date : 02 Sep 2018



