Breaking News

Ba dikgolegelo tsa bokone ba boloditse letsholo

02 Sep 2018

Baeteledipele ba dikgolegelo tse di mo kgaolong ya bokone ba boloditse letsholo la go itshidila mmele le go rotloetsa magolegwa le badiri go itlhatlhoba le go alafelwa malwetse a a farologaneng. 

Mookamela dikgolegelo tsa bokone, Senior Assistant Commissioner of Prisons (SACP) Sekano Sekano, o tlhalositse fa maikarabelo a lephata la dikgolegelo e le go tlhomamisa gore setshaba se babalesegile mme ba sa kgaphele kwa thoko bone ba ba ba tlhokometseng go bona gore botsogo jwa bone ke jo bo lolameng. 

Rre Sekano a re maikaelelo a bone ke go tlhomamisa gore ga ba tlogele ope kwa morago fa go tla mo botsogong,a supa gore fa botsogo e se jo bo siameng tiro ga e tswelele ka badiri ba tsaa sebaka se se leele ba se kwa ditirong mme se se dire gore go nne le tlhaelo mo bodireding. 

Rre Sekano o supile fa letsholo le le bidiwang ‘Operation Health Storm’ le sale le simolotse ka 2017 kwa Mahalapye mme ba tsweledisa loeto la bone kwa Serowe,a supa fa tiragalo e,e setse e le mo legatong la boraro.

O supile fa se se ba berekela ka ba kgonne go thusa batho ba le bantsi. 

Rre Sekano o ne a rotloetsa magolegwa go emela botsogo jwa bone ka dinao ka go itlhatlhobela malwetse a a tshelanwang le a sa tshelanweng gore ba kgone go alafiwa pele ga bolwetse bo ba gatelela. 

Ngaka kwa kgolegelong ya Francistown Rre Kabelo Modise, o supile fa bodiredi jwa tsa botsogo bo tlhaela mo Botswana mme a re moono mogolo wa ba dikgolegelo ke go fitlhelela mongwe le mongwe yoo kwa dikgolegelong ka bangwe ba bone ba seke ba bona sebaka sa go ya go kopa dithuso kwa dipateleng. 

Rre Modise a re ba ikgolagantse le makalana a mangwe a tsa botsogo gore letsholo la bone le atlege. 

Rre Modise a re tlhaelo ya bodiredi jwa botsogo kwa dikgolegelong ke yone e ba gwetlhileng go tswa ka mogopolo wa go nna jaana mme ba dumalana e le ba makalana a tsa dikgolegelo go tswa ka lenaneo la go tsamaya le dikgolegelo tse di mo kgaolong ya bokone go atumetsa ditirelo kwa go ba ba di tlhokang. 

O ne a supa fa ba itemogetse gore malwetse a a sa tshelanweng a amile setshaba ka bontsi mme a tlhoka go tsibogelwa. 

Kwa bofelong mookamedi wa kgolegelo ya Selebi Phikwe Rre Moagi Lekene o ne a kopa magolegwa go dirisa ditlamelo tse ba di tiseditsweng gore kwa phelelong ba bo ba ka akola maduo a teng. 

O tlhalositse fa malwetse mangwe a kgona go nna mo mmeleng mme a sa itshupe mme a felele a gapile botshelo jwa motho fa a sa itlhatlhobe ka nako. 

Rre Sekene o ne a rotloetsa morafe o o neng o tsene letsatsi la itshidilo mmele go tsaya kgato ka botsogo jwa bone, a tlhalosa gore fa motho a itekanetse o kgona go tshela le go tsamaisa lelwapa kwa ntle ga letsapa lepe. 

Letsholo la Operation Healh Storm le dirwa morago ga kgwedi dingwe le dingwe tse tharo mme gompioko le ne le tshwaretswe kwa kgolegelong ya Selebi Phikwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Bokopano

Date : 02 Sep 2018