Go inyadisa go tsisa dikgotlhang
02 Sep 2018
Kgosi Malang Galeatle wa Serinane a re go nna mmogo ga baratani ba sa nyalana go tsisa dikgotlhang.
Kgosi Galeatle o buile jaana mo phuthegong e mo go yone a neng a biditse borre fela go tla go bua le bone ka dikgang tse di ba amang.
O tlhalositse fa dikgotlhang tseo gantsi di simolola fa go ka diragala gore bobedi joo bo kgaogane, mme bo lwele dithoto tse ba di kokoantseng ba santse ba le mmogo.
A re kgotlhang gape e ka tsoga fa mongwe wa baratani, bogolo jang wa rre, a ka tlhokafala, mme botsadi jwa gagwe bo supe fa bone bo sa itse sepe ka wa mme.
A re ka maswabi, bone e le ba bogosi ga ba na dithata dipe mo dithotong tsa baratani, mme a re fa bobedi joo bo ne bo nyalane gone go motlhofo go ba letlanya.
Ka jalo, o ne a kopa borre go tsaya kgato ya go nyala, bogolo jang ka nyalo e se tiro epe e e opisag tlhogo, mme e tlhoka fela malwapa a mabedi go dumalana.
Kgosi Galeatle a re mabaka a a tleng a ntshiwe ke borre a gore ga ba na madi a go ntsha bogadi, ke seipato fela ka jaana mo ngwaong ya bone go batliwa kgomo e le nngwe fela, mme e bile a re bogadi ga se selo se se patelediwang mo nyalong ka jaana fa monna a sa ikgone, malwapa a mabedi ao a kgona go buisana.
Mo go tse dingwe, Kgosi Galeatle o ne a kopa borre go itlwaetsa go nna le seabe mo ditirong tsa ngwao jaaka dikgafela, letsema le tse dingwe e le tsela nngwe ya go itsa ngwao go nyelela.
A re seo se tlaa bo gape se supa fa ba itlhaloganya e le morafe.
O ne gape a ba kopa go nna le seabe mo go kgalemeleng botlhoka tsebe mo motseng, jaaka go utswa megala ya motlakase, dintwa le go tlhabana ka dithipa.
O ne a supa fa ene le magosana ba itlamile go thusa mo go epe tlhokakutlwisisanyo e e ka nnang teng mo motseng, ka jalo go sa tlhokafale gore batho ba itseele molao.
A re fa batho ba ka ikanya magosi, se se ka tsisa kagiso le thitibalo mo motseng.
Mongwe wa bagolo, Rre Tikologo Tebele o ne a supa fa botlhokatsebe bo simologa kwa malapeng, mme a kopa borre, jaaka ditlhogo tsa malwapa, go kgalemela bana ba santse ba le bannye.
O ne gape a supa lesokolela ka batsadi ba e reng bana ba dirile molato ba bo ba bipa mpa ka mabele fa ba batlwa ke ba molao, a re seo ke go ba rotloetsa go tswa dinaka.
Kgosana, Rre Lesego Gabaatlholwe ene o ne a ngongorega ka tsela e batho ba motse oo ba remakang ditlhare ka yone go dira mapako a a terata, a re fa seemo seo se ka tswelela, ba tlaa patelesega go baya paka e go tlaa rengwang ditlhare ka yone le fa seo se tlaa kokonela ba le bantsi ka jaana bontsi jwa batho ba itshetsa ka go rekisa mapako.
Fa a tswa la gagwe, Rre Tsoseletso Sekgalo o ne a lebogela kgosi go bitsa pitso eo ya borre go tla go ba gakolola, segolo jang ka a ne a supa fa dikgang tse di builweng tseo e le tse di tshelang mo motseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Olekantse Sennamose
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego
Date : 02 Sep 2018



