Breaking News

Megopolo ka nnotagi e farologanye

30 Aug 2018

Banni ba Molapowabojang mo kgaolong ya Borwa ba ntshitse megopolo e e farologaneng ka tiriso ya bojalwa le dinako tsa teng.

Lekoko le le romilweng ke khuduthamaga ya palamente le ne le batla go itse gore go dirwe jang ka gore Batswana ba nwa bojalwa phetelela mo go sa tlwaelesegang mo go bakang ditlamorago tsedi botlhoko.

Mme Didimalang Morethi o boletse fa bojalwa bo siame mme bo senngwa ke banwi ba bone, a re melao e gagamadiwe thata mo dibareng barekisi ba obamele dinako.

O boletse fa banana ba tletse mo dibareng le mororo dingwaga tsa bone di le kwa tlase ga lesome le bofera bobedi, a re banana e setse e le dikoutla fela baa lwala ntateng ya nnotagi.

Rre Ramontsho Kesiame o boletse fa dinako di dira gore batho ba nwe bojalwa thata, ka go bulwa bosigo sebaka sa nako e khutshwane.

A re go botoka dinako di boela kwa go tsa bogologolo go nowa kwa dibareng go simolola ka nako ya lesome mo mosong go bo go tswalwa ka nako ya lesome kgotsa lesome le bobedi.

Mme Madiome Kebaswele o boletse fa bojalwa bo kgoberile lefatshe, go tlolwa dinako, go nowa go kgweetswa, a tlatsa ka gore go botoka gore bojalwa bo emisiwe mo Botswana.

O boletse fa bana ba dikole ba tlogela dikole ba inaakantse le bojalwa le diritibatsi, a re phelelong ba senyegelwa ke bokamoso.

A re banana ba intshitse diganana.

Mogolo mongwe o ne a bolela fa bojalwa bo sentse banana.

A re bogologolo bo ne bo nowa ke bagolo fela eseng banana ba gompieno.

A re ba ne ba bonwa sentle motshegare go sena go berekwa.

O boletse fa tautona wa pele a ne a fetola dinako a leka go boloka banana ba ba nwang phetelela mo go felelang go ba tsenya bokoa, a re dinako di ne di siame fela thata.

A re bojalwa jwa sekgoa bo tshwanetse jwa kganelwa, mme ja Setswana bo dirwe fela ka meletlo go sa rekisiwe.

Mme Jemina Pole a re bojalwa bo seka jwa emisiwa mo Botswana.

A re go tshwanetse ga lesiwa batho ba bo rekisa nako le nako ka gore barekisi ba jone ba itshetsa ka kgwebo eo.

Bontsi bo ne bo bolela fa ipapatso ya bojalwa e le borai thata e tshwanetse go kganelwa, le gore fa o reka bojalwa bo seka ja bulwa.

Ba rile fa barekisi ba galala dingwaga tsa motho ba kope Omang.

Ba boletse fa beng ba madirelo ba tshwanetse go phepafatsa madirelo le tikologo ya one.

Ba rile go nne le dithuto tse di tseneletseng gore bojalwa bo nowa ka dinako le kelelelo.

Bontsi jwa baruti ba boletse fa bojalwa bo le borai mme bo tshwanetse jwa emisiwa le jo bo tswang kwa mafatsheng aa mabapi tota.

Ba kgadile boupi jwa Chibuku Power ba kaya fa bo le borai mo matshelong a batho. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : MOLAPOWAJANG

Event : Phuthego

Date : 30 Aug 2018