Babereki ba tlaa gagamalediwa setoropo
30 Aug 2018
Mogokaganyi wa lenaneo la Ipelegeng kwa khanseleng-potlana ya Mahalapye Rre Eric Sephetsolo a re babereki ba Ipelegeng ba ba adimang tshwene marapo ba tlaa kgaolelwa dituelo.
O tlhalositse jalo a rola pego ya ditiro tsa lenaneo la Ipelegeng mo phuthegong ya khansele-potlana ya Mahalapye bosheng, a supa fa a tshwentswe thata ke babereki ba Ipelegeng ba ba boitseme.
Rre Sephetsolo are go a tshwenya go bona bangwe ba sa tsee tiro ya bone ka tlhwaafalo.
A re seo se a tshwenya ka gore ba ba dirang jalo ba felela ba duelwa mahala ba sa dira tiro ka jalo seemo seo se senya madi a puso le go kgoreletsa maikaelelo a lenaneo le. Rre Sephetsolo a re ba lemogile gore bangwe ba na le mokgwa wa go itshupa kwa mmerekong ba lebagantse nako ya dijo e re morago ba boele malwapeng, fa bangwe bone ba kgona go tlodisa sebaka sa beke ba sa theogele.
Re lemogile seemo se, ka jalo re tsile go simolola go kgaolela batho ba mohuta o madi ka ba sa diragatsa tumalano ya phiro, ga tlhalosa Rre Sephetsolo.
O kgaphetse ntle magatwe a gore selo se se ka tswa se bakwa ke tlhaelo ya didirisiwa. Rre Sephetsolo a re se ba se bonang mo mosepeleng ba ntse ba lekola lenaneo, ke gore mo mafelong mangwe o tlaa fitlhela badiri ba sa bereke ba namile maoto ba bapile le digarawe, selo se se rurifatsang gore bokoa bo mo badiring e seng gore ba tlhaelelwa ke dirisiwa.
E rile a tsibogela pego ya Ipelegeng, mokhanselara wa Sefhare Rre Mothusi Sedimo a gatelela mafoko a mogokaganyi wa Ipelegeng a supa fa le ene a tshwentswe thata ke badiri bangwe ba lenaneo la Ipelegeng ba ba boitseme.
Mokhanselara Sedimo are seemo seo, se a tshwenya ka jalo o kopile batsaa karolo ba ba farologanyeng ba akaretsa badirela puso le dikgosi go thusa ka go tsenya leitlho lenaneo la Ipelegeng go netefatsa gore tiro e a dirwa. Fa a bula phuthego ya khansele potlana, modulasetilo Rre Tassman Cebani o supile gore lefatshe leno le supilwe fa le aperwe ke leuba la tlhaelo ya dijo tse di tswang mo temong ka jalo seemo seo se tshwanetse go tsibogelwa.
Ka maiteko a go itepatepanya le seemo se, Rre Cebani a re badiri ba ba thapiwang kgwedi le kgwedi ba Ipelegeng mo khanseleng-potlana ya Mahalapye ba okeditswe ka 284 go nna 4 039 go simolola ka kgwedi ya Phatwe mono ngwaga.
Mo godimo ga moo, Rre Cebani a re khansele e okeleditswe madi a go tsamaisa lenaneo le, le go reka didirisiwa. Mo go tse dingwe tsa ditiro tsa ditlhabololo, mokhanselara yo o itlhophetsweng wa kgaolo ya Shoshong, Rre Keletso Phatedi o gwetlhile khansele go tsenya leitlho le le nchocho mo dikomponeng tse di abelwang dithendara di tshwana tsa go dira ditsela le metshelakgabo go tlhomamisa fa ba dira tiro ka botlalo.
Mokhanselara Phatedi a re ba ba dirang ba sa itsolopanya ba lopiwe go dira tiro gape ka boleng jo bo dumelanweng go itsa go tshamekisa madi a puso mo dilong tse e seng tsa sennela ruri.
E rile a itebaganya le tsa bophepa jwa tikologo, Rre Phatedi o supile fa seemo sa leswe mo Mahalapye e le se se sa jeseng diwelang ka batho ba latlhela matlakala mo mafelong a a sa tshwanelang.
A re bangwe ba latlhela matlakala mo sekgweng fa bangwe ba a latlhela fa thoko ga tsela, ka jalo a lopa gore seemo se se tsibogelwe go tsosolosa serodumo sa motse.
Rre Cebani le ene o supile mo pegong ya gagwe gore le fa go na le mafelo a a kailweng go latlhela matlakala, batho ba latlhela matlakala gongwe le gongwe le gore seemo seo se amile thata motse wa Mahalapye.
O supile gore se se lemogilweng ke gore matlakala a a leswafatsang motse a latlhelwa mo thoko ga ditsela bosigo le ka mafelo a beke.
O kopile bogogi jwa khansele le makhanselara go tsibogela seemo se ka go rotloetsa morafe le dikompone kana bagwebi go tlotla tikologo ka go e phepafatsa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mpho Maswikila
Location : MAHALAPYE
Event : pego
Date : 30 Aug 2018



