Kotsi e gapile botshelo jwa monna
30 Aug 2018
Monna wa dingwaga tse di fa gare ga masome mararo le botlhano le masome mane o tlhokafetse morago ga koloi e a nneng a tsamaya ka yone e pitikologe mo tseleng ya Ghanzi le D’kar ka Matlhatso ka nako ya bongwe motshegare.
Mo potsolosong le BOPA, Superitedent Modiro Lekone a re monna yoo o ne a tswa kwa D’kar a ya Ghanzi fa kotsi e diragala a bolela fa a ne a ragosediwa kwa kokelong kwa ba bongaka ba neng ba rurufatsa fa a tlhokafetse.
Superitedent Lekone a re moswi o ne a tsamaya ka koloi ya modiro wa Altezza mme o ne a latlhagelwa ke taolo mme ya pitikologa, a supa gape fa koloi eo e ne e nale mopagami yo mongwe yo e ne a robaditsweng kwa sepeteleng sa Ghanzi ka dikgobala mo leotong la molema le letsogo la molema.
Rre Lekone a re moswi e ne e le mooki kwa kokelwaneng ya D’kar, a supa fa setopo se isitswe Gaborone go ya go tlhatlhobiwa ke ba bongaka, le gore leina la moswi le santse lobilwe go fitlhelela ba losika ba itsisiwa.
O boletse fa kotsie, e le ya bobedi go diragala mo tseleng ya Ghanzi le D’kar fa mo kgaolong e le ya boraro, ka jalo a kopa bakgweetsi go o bamela matshwao a tsela go tila dikotsi, a gakolola gape fa tsela ya Ghanzi le Kuke le yone e tletse diphologolo ka jalo ba tshwanetse go nna keletlhoko fa ba e dirisa.
O gakolotse bakgweetsi go dirisa mabantle a itshireletso fa ba kgweetsa ka dikotsi tse pedi tse di diragetseng motseleng eo bakgweetsi bao ka bobedi ba ne ba sa dirise mabantle ka gore dikoloi tseo di ne tsa ba kgwa.
Mo kgannyeng tse dingwe a re ba tlhotlhomisa modiri wa lephata la dikgologelo yo o berekelang mo Ghanzi yo o fitlhetsweng ka setlhatsana se go belaesegang e le motokwane morago ga go mo tshwara mo maemelong a dibese tsa Setshaba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : Potsolotso
Date : 30 Aug 2018



