Breaking News

Lehuti le jelwe ke molelo

30 Aug 2018

Go tlhagoga ga molelo kwa lehuting la matlakala la Gamodubu ka Labobedi go bolelwa go ne ga  kgoreletsa ditiro dingwe tsa letsatsi.

Go ya ka mogolwane wa botsogo jwa setshaba mo khanseleng ya Kweneng, Mme Neo Kachana, go ne go ise go lemotshege se se ka tswang se bakile molelo oo.

O bile a tlhalosetsa fa babereki e le bone ba lemogileng molelo oo fa ba ntse ba dikologa le lehuti.

A re ba ne ba kopa thuso kwa khanseleng ya Gaborone, ba sesole sa Botswana le ba Rural Metro go thusa ka ditima molelo.

“Kgwetlho ke gore molelo o simolola kwa tlase, mme fa o tima fa godimo kwa tlase gone o ntse o tshwere fela,” ga tlhalosa Mme Kachana.

E re go ntse jalo, bomatipane le bone ba ne ba thusa ka go rora mmu o o neng o tshelwa mo molelong go thusa go kganna go jwelela ga one ko tlase.

O ne a bolela fa golo fa molelo o tlhagogileng teng e le fa go latlhelwang dipolaseteke mme molelo o jwelela ka bofefo ka gole phefo.

Mme Kachana o bile a kopa batho ba ba olelang matlakala go nna kelotlhoko gore ga ba tsenye thura mo ditankeng tsa matlakala, a re se se ka nna borai le mo go bone ka dikoloi di ka tuka di ntse di tsamaya.

O ne a bolela fa dikoloi tse di rwalang matlakala di feta masome a mabedi di ne tsa ema go feta dioura di ka nna nne, a tlatsa ka go re ga ba batle seemo se o ka gore batho ba ka felela ba itlhoboga ba bo ba tshololela se ba se rweleng ko ntle ga lehuti.

Mme Kachana o boletse fa ba kile ba nna le seemo sa go tshwana le se ngogola fa gone go o osha letlhakore le go latlhelwang dithaere teng, a bolela fa ditlhotlhomiso di sa kgona go netefatsa se se bakileng molelo oo.

Mme Kachana o boletse fa ba tshwenngwa ke seemo sa matlakala a a sa kgaoganngwang ka dikarolo jaaka ditshipi, dipolaseteke, dithaere.

A re seo se tlama bodiredi jwa lehuti go felela bo kgaoganya matlakala mme go die ditiro dingwe.

Mme Kachana o ne a kopa banni ba Gamodubu le mafelo a a mabapi go ba itshwarela ka jaana seemo se sa laolesege, mme mosi o tswa o le montsi thata.

Mongwe wa bagwebi ba ba itshetsang ka go phutha matlakala, Rre Edward Serobi a re go tlhagoga ga molelo go mo amile thata ka jaana a sale a tsene ka nako ya lesome le motso, mme a kgonne go tsena mo lehuting morago ga nako ya boraro mo tshokologong ka jaana lehuti le ne le tswetswe ka nakwana.

A re o ne a ikaeletse go ya go tseela batho ba bangwe matlakala, mme a bolela fa seo se tsile go mmaya ka fa mosing. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Sylviah Disele

Location : GAMODUBU

Event : Potsolotso

Date : 30 Aug 2018