Breaking News

Moyuthu o kopa thotloetso mo Batswaneng

30 Aug 2018

Rre Jade Moyuthu yo o itshetsang ka botaki o kopile setshaba go mo ema nokeng mo kgwebong ya gagwe.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, monana yo o boletse fa a itshetsa ka botaki mme go mo itlwisa botlhoko go bo Batswana ba sa mo fe thotloetso ee nametsang.

A re botaki ke jone bo mo neelang lemme la go itshetsa ka jalo a kopa Batswana go reka mekgabisa ya gagwe ya botaki gore a kgone go itshidisa.

Rre Moyuthu yo o dingwaga di masome mararo le bongwe  o boletse gore o sale a simolola go rata botaki a sale mmotlana, a tlatsa ka gore e ne e le sekgantshwane sa botaki jwa pente kwa sekolong.

A re e re le ntswa a godile e le sekgantshwane sa botaki, o simolotse go nna motaki wa tlhwatlhwa ka 2014.

A re fa a le mmotlana o ne a dirisa botaki go intsha bodutu, a tlhalosa fa gompieno botaki e le botshelo jwa gagwe.

“Ka 2014, ke ne ka simolola go itebaganya le go nna motaki wa popota ka ke lemogile fa bo ka ntlodisa melatswana e tletse.

Gompieno botshelo jwame bo fetogile go menagane ka ke dirisa bokgoni jwame go itshetsa ka Motswana a rile phokoje go tshela yoo dithetsenyana,”a tshwaela.

O tlhalositse fa a tlhokomela ngwana wa gagwe ka lemme le a le dirang mo kgwebong ya gagwe.

A re bontlha bongwe jwa dipoelo o bo isa kwa bokopanong jwa bopelotlhomogi kwa a ithaopileng teng.

Rre Moyuthu a re e rile ka 2014 a kopana le Rre Mpho Kgopiso yo e leng motaki wa tlhwatlhwa, mme bokopano joo bo thusitse fela thata ka ba amogana maele a gore ba ka tlhabolola botaki jwa bone jang gore ba bone dipoelo tse di botoka.

A re bokapano joo, bo tsisitse pharologanyo mo kgwebong ya gagwe ya botaki ka gore gompieno o kgona go tshwantsha ditshwantsho tse di kgatlhang ba le bantsi.

“Le fa ke lela ka thotloetso ya Batswana, batho bangwe ba ba tswang kwa mafatsheng a sele ba supile fa ba kgatlhegela botaki jwa me.”

Rre Moyuthu a re o bapatsa kgwebo ya gagwe mo maranyaneng a Facebook mme e bile o setse a na le balatedi ba ba supang ba kgatllhegela botaki jwa gagwe.

A re o ipapatsa gape kwa marekisetsong a Molapo Crossing, a tlhalosa fa Sontaga wa mafelo a kgwedi nngwe le nngwe bataki ka bontsi ba ya koo go bapatsa ditshwantsho tsa bone.

A re o lemogile fa batho ka bontsi ba sa itse boleng le mosola wa botaki, mme bontsi bo akanya fa botaki e le selo sa makgoa.

Motaki yoo o gwetlha setshaba go itse fa botaki bo ka isa lefatshe la Botswana golo gongwe gonne batswakwa ba kgatlhegela botaki jwa Batswana.

Rre Moyuthu o kopile setshaba go mo ema nokeng gore a fitlhelele toro ya gagwe ya go nna motaki wa popota.

O rotloetsa bataki ba bangwe le ba ba eletsang go nna bataki go itse fa tiro ya botaki e tlhokana le boineelo, boitshoko le lorato gore e dire sentle.

O ne a gakolola banana go tswa ka maano a go bona gore ba ka ishetsa jang gonne metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leteng Nokwane

Location : MOGODITSHANE

Event : Potsolotso

Date : 30 Aug 2018