Mapodisi a Francistown batla Mmangwana
30 Aug 2018
Mapodisi a Francistown a kopa banni ba toropo le setshaba ka kakaretso go ba batlisa mmaagwe lesea la mosetsana le le mo diatleng tsa ba molao.
Kopo e e dirilwe ke mookamela mapodisi a Central, Superintendent Lebalang Maniki mo potsolotsong le BOPA morago ga gore a bolele fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone lesea le fitlhetsweng le latlhetswe fa thoko ga tsela.
O tlhalositse fa lesea leo, le bonwe ke bangwe batho ba ba neng ba feta ka tsela gaufi le motshelakgabo wa Monarch, mme ba begela ba sepodisi.
A re morago ga pego eo, ba ne ba ragogela kwa lefelong la tiragalo mme ka nnete ba fitlhela lesea la mosetsana le phuthilwe ka jesi, mme le ne la ragosediwa kwa kokelong ya Nyangabwe.
Ramapodisi o ne a tlhalosa fa ba bongaka ba ne ba supa fa lesea leo le itekanetse, mme e bile le ne le supa fa le ne le na le malatsi a ka tshwara botlhano le ntse le tshotswe.
Supt Maniki a re mo nakong eno, lesea le le mo diatleng tsa ba botsogo go le batlisa mmaalone mme ke gone ka moo a kopang sechaba ka kakaretso go ba thusa mo ditlhotlhomisong go batla mmangwana yoo.
O bile a kgala mokgwa o wa go latlha bana morago ga pelegi, a re se ke molato e bile ga se yone tharabololo ya mathata fa e se go a okeletsa pele.
Mogolwane wa mapodisi o ne a gakolola bomme go ikgolaganya le botlhe ba ba lebaneng jaaka ba sepodisi, dikgosi, masika le ditsala, gammogo le ba boipelego go kopa thuso ya mathata a ba itemogelang go na le gore ba tsee ditshwetso tse di duleng mo tseleng.
O tlhalositse fa dikgang tse tsa go latlhwa ga bana di kekela ngwaga le ngwaga mme e bile a supa fa di le teng lefatshe ka bophara. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kebatsalese Ongadile
Location : FRANCISTOWN
Event : Potsolotso
Date : 30 Aug 2018



