P50m o tlaa aga mabala mo Botswana ka bophara
30 Aug 2018
Tona wa banana, metshameko le tlhabolo ya ngwao Rre Thapelo Olopeng a re lephata le beetse fa thoko P50million go aga mabala a metshameko mo Lefatsheng leno ka bophara.
Tona Olopeng o buile mafoko a fa a simolodisa kago ya lobala lwa metshameko mo Ghanzi bosheng.
A re keletso ya gagwe ke gore lefatshe leno ka bophara go agwa mabala a metshameko gore banana ba kgone go tlhabolola metshameko ya bone.
O ne a leboga lekgotla la OlympAfrica ka go nna le seabe mo go agweng ga mabala a metshameko mo lefatshe leno a re OlympAfrica ene ya ntsha madi a a kanang ka P1.5million gore go agiwe lebala la metshameko mo Kgaolong ya Ghanzi.
Rre Olopeng a re madi a a ntshitsweng ke ba OlympAfrica a ne a tlhaela, ka jalo boeteledipele jwa khansele ya Ghanzi le Mopalamente ba dumalana go dirisa mading a ditlhabololo tsa dikgaolo (constituency fund) go tlatsa a ntshitsweng ke ba OlympAfrica gore kago e simolole.
Tona a re ka madi a le mannye go fetsa kago ya lebala, ba tsile go tswelela ba tsaya mo mading a dikgaolo a ditlhabololo go fitlhilela ba feleletsa kago ya lobala leo.
A re e le lephata ba tsile go ema ka dinao go bona gore lebala leo le fela ka nako e ebeilweng go itsa ditshinyegelo.
Tona o ne a lebogela banni ba Ghanzi le boeteledipele ba motse go emela lebala la bone ka dinao gore lekgone go simolodisiwa go agiwa.
A re le fa puso e santse e tlhaelelwa ke madi e tla a leka go bona gore mabala a metshameko o ne a tswelela ka go agiwa ka le o ne a tlisa ditlhabololo mo metseng.
O boletse gape fa ditlhabololo tse di tsayang nako e telele di ntse di dirwa di felela diturela puso.
Mopalamente Noah Salakae fa a ntsha malebo o ne a kopa morafe wa Ghanzi le baeteledipele ba motse go emela lobala loo ka dinao, a ba gakolola gore fa ba bona go sa tsamaye sentle ofisi ya gagwe e tsibosiwe.
O boletse fa go agwa ga mabala a metshameko mo dikgaolong, go tsile go ngoka ditlhabololo tse dingwe go tla mo kgaolong di latela mabala a metshameko. O ne a leboga boeteledipele jwa Ghanzi go nna mowa o le mongwe gore kago ya lebala la metshemeko e simololwe.
Rre Salakae a re ofisi ya gagwe e ya go tsenya leitlho go bona gore kago eo e tsamaya sentle ebile efela ka nako e e beilweng.
A re go botlhokwa gore fa go agwa ditlhabololo mo motseng wa bone ba di emele ka dinao gore di tle di fele ka bonako. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : Tshimoloso semmuso
Date : 30 Aug 2018



