Kwa Mokwena ba re lekgetho le tsholediwe
30 Aug 2018
Morafe wa Mokwena kwa Molepolole wa re o tshwenngwa ke tiriso ya bojalwa e e ileng magoletsa.
Ba kaile fa bo tlhakatlhakanya matshelo a batho gammogo le malapa.
Morafe o ntshitse matshwenyego a one fa lekoko le le romilweng ke palamente go sekaseka tiriso le thekiso ya bojalwa le ne le tshwere phuthego ya patlo maikutlo ya go tsaya megopolo mo morafeng ko Molepolole.
Bontsi jwa morafe wa Mokwena bo kaile fa bojalwa bo na le ditlamorago tse di sa siamang mme ka jalo ba re puso e dire dikakanyo tse di tseneletseng ka go oketsa lekgetho la bojalwa, ba re gongwe seo se ka thusa fela thata mo go fokotseng tiriso e ntsi ya bojalwa.
Morafe o supile fa mo nakong eno banana e le bone ba dirisang bojalwa botlhaswa mme e bile ba bo kopantse le diritibatsi tse di sa letlelelweng mo lefatsheng leno, selo se ba kaileng fa se dira gore ba felele ba dira dilo di sa siamang.
Ba ne ba tlhalosa fa tiriso ya bojalwa e setse e tlhakatlhakantse boitekanelo gammogo le setho sa batho, segolo jang bone banana, ba supa fa mo nakong eno e le bone bo rotloetsang dintwa, dikotsi tsa tsela gammogo le dipolaano.
Ka jalo ba kaile fa go le botlhokwa gore puso e dire ditshekatsheko tsa go isa lekgetho la jone kwa godimo.
Ba re fa go sa nne jalo bokamoso jwa lefatshe leno bo tlaa kgautlhana ka jaana le tla tlhoka baeteledipele ba ba nonofileng ka jaana banana ba nna fela mo nnotaging nako e ntsi.
Morafe wa re dinako tsa dibara di fokodiwe, ba supa fa go ka nna botoka gore di tswale go santse go bonala gore batho batle ba kgone go ya malwapeng ka nako mme e bile basa diragalelwa ke sepe se se maswe.
Le fa go ntse jalo ba re gongwe gape puso e tsee tshwetso ya gore majalwa a a dirwang mono a fokodiwe bogale, ba supa fa seo se ka thusa gore batho ba nwe mme ba seka ba tagiwa, ba tlatsa ka gore a tswang kwa ntle one lekgetho la one le tsholediwe fela thata, ba re gongwe palo tsa banwi di ka fokotsega.
E rile a tswa la gagwe, Rre Kruger Kareng wa kgotla ya Lephaleng a tlhalosa fa bone e le baeteledipele ba setse ba lapisitswe ke go nna fela mo ditshekong ka ntlha ya bojalwa bo a supileng fa bo sa nowe sentle.
Rre Moshaokanyana Motshweneng ene o ne a tlhalosa fa ba ne ba itshelela ka bojalwa jwa Setswana bogologolo mme jaanong mo nakong eno majalwa a sekgoa a tsile ka mefuta le ka metswako e e farologaneng e a kaileng fa e tlhakatlhakanya tlhaloganyo tsa batho.
Go sale foo, Kgosi Basiamang Garebakwena o ne a supa fa lekgetho la bojalwa le tsholeditswe gantsi mme dipalo tsa banwi di ntse di golela pele, ka jalo a re ke nako ya gore puso jaanong e gagamatse setoropo ka gongwe seo se ka thusa.
Kwa bofelong morafe o ne wa kopa gore bojalwa bo simolole go tshelwa mo mabotleleng a dipolaseteke, ba supa fa seo se ka thusa go fokotsa dintwa le dipolaano tse di diragalang kwa dibareng go dirisiwa mabotlele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshepang Segola
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego
Date : 30 Aug 2018



