Breaking News

Jakalase o bone botshelo mo go rekiseng ditsiri

29 Aug 2018

E re ka Motswana a buile fa ‘phokoje go tshela yo o dithetsenyana’ Mme Lucia Jakalase le ene ga a a ipona tsapa go itirela ka a gagwe mabogo.

Mme Jakalase yo o tlholegang kwa Tsabong o ne a simolola kgwebo ya go sela ditsiri tsa dino tsididi le tse di papetlilweng mme a di rekisa.

Monana yo, wa dingwaga tse di masome a mararo o ne a tsaya kgato ya go fetola botshelo jwa gagwe ka go itshimololela kgwebo ya go rekisetsa mangwe madirelo ditsiri tse di papetlilweng morago ga go itemogela fa a lebaganwe ke namane e tona ya go godisa bana a le nosi. Mo potsolosong bosheng, Mme Jakalase o ne a tlhalosa fa ditsiri tse a di rekisetsa mangwe madirelo a a boletseng fa a reka ditsiri tsa mofuta oo kwa Phakalane.

O ne a tlhalosa fa e rile ka Tlhakole a longwa tsebe ka mangwe marekisetso a a rekang ditsiri tse di papetlilweng kwa Phakalane, mme a utlwa a gwetlhega go simolola go phutha ditsiri go inamola letshono.

A re go ne go se motlhofo jaaka a ne a akantse a lebeletse bophara jwa motse wa Tsabong, le diemo tsa loapi tse di sa iketlang ka motse o tlwaelesegile ka mogote oo feteletseng le serame se se thubang marapo.

A re o ne a ititaya sehuba gore seemo sepe se seka sa mo paledisa go fitlhelela ditoro tsa gagwe tsa go ipona le ene a ipuletse madirelo mo Kgalagadi Borwa gore a tle a tlhamele banana ba bangwe ditiro.

O tlhalositse fa tiro e ya go kokoanya ditsiri e le bogadi bo gaufi, ka palo ya batho ba ba dirang mofuta o wa kgwebo e le ba ba tsenang mo seatleng. O boletse fa kgwebo e batla lorato le bopelotelele, a tlatsa ka go re ga go motlhofo gore motho a kgobokanye ditsiri tse dintsi ka bonako mo nakong e khutshwane.

O boletse fa a tshwanelwa ke go phutha ditsiri di ka nna masome a supa gore a tlatse kgetsi e le nngwe, mme a ipeela seelo sa gore mo bekeng o sela ditsiri di le masome mabedi go ya kwa godimo.

Mme Jakalase o boletse fa mo kgweding e le nngwe a kgona go isa dikgetsi tsa 50kg di le tlhano ga raro.

O ne a tlhalosa gore e rile morago ga go itemogela fa kgwebo e, e mo tswela mosola a isa ikopelo kwa lephateng la Bong mme a seka a atlega.

Mme Jakalase o boletse fa se se ne sa seka sa mo kgoba marapo mme a tia moko mabaka e le gore o ne a na le tebelopele le maikaelelo mangwe ka kgwebo e ya gagwe.

A re dipoelo tse a di boneng morago ga thekiso ke tsone di mo thusang go apesa le go jesa bana ba gagwe. Jaaka mogwebi mongwe le mongwe Mme Jakalase o tlhalositse fa le ene a na le dikgwetlho di tshwana le letlhoko la dipalamo tse di ka rwalang ditsiri tsa gagwe go di isa kwa marekisetsong a tsone kwa Phakalane.

O tlhalositse fa beng ba diteraka ba ba mo thusang go tsaya ditsiri tsa gagwe ba se boikanyego e bile ba sa tshephagale ka ba tla dinako dingwe fa dinako tse dingwe ba sa tle, mme se se busetse morago maiteko a gagwe.

Mme Jakalase o tlhalositse fa kgwetlho e nngwe e le gore o dirisa matsogo go pepetla ditsiri ka a sena motshini o o pepetlang.

A re ere le ntswa a kopana le dikgwetlho o ikaeletse go emela kgwebo ya gagwe ka dinao ka a na le dingwe dikeletso tse a batlang go di fitlhelela.

O ne a tlatsa ka go re ga a ke a ipona tsapa go kopa kemo nokeng mo pusong, go mo thusa go tlhabolola kgwebo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Boitshwarelo Tsholofelo

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 29 Aug 2018