Monana o itshimololetse motshameko
29 Aug 2018
Go golela mo dikgaolong tse di kgakala le ditlamelo go fa bangwe monyetla wa go itisa le bagolo fa isong maitseboa.
Bagolo ba, ba ruta bana mainane, dithamalakane le diane.
Ke gone ka moo, Rre Lwagarre Ngwalongwalo a ratileng seo a bo a felela a se dirisa go itlhamela motshameko wa botoro o o bidiwang Setswana sa Borre.
O tlhaloseditse BOPA mo potsolosong fa a ne a bula tsebe ya Facebook ka 2011 mme ya re morago a diragatsa toro ya gagwe fa a aga motshameko wa Setswana sa bo Rre.
A re o gwetlhegile go dira jaana a sena go lemoga fa Setswana se tseelwa kwa tlase e bile bagodi bangwe ba lebega ba sena kgatlhego ya go boloka kitso e ba nang nayo gore dikokomane di tle go e anywa.
O tsweletse a bolela fa motshameko o wa botoro o direletswe go intsha bodutu le go ithuta.
A re ditlhotlhomiso di supa fa go ithuta ka metshameko go ntsha maduo, ke sone se a sa kwalang buka mme a ikgethela tsela e.
Motshameko o o na le letaese, ditalama le dikarata tse mo go tsone go kwadilweng dipotso le dikarabo.
Go ya ka Rre Ngwalongwalo, dipotso tsa motshameko di kgaogantswe ka dikarolo tse thataro e leng dithamalakane le maele, ditso tsa lefatshe la Botswana, thanolo, thanodi, kitso ka kakaretso le tsa mafelo kgotsa matlotlo a Botswana.
Monana yo wa Motlopi o tlhalosa gape fa botoro e, e tshamekwa ke batho kana ditlhopha tse pedi ba emetse molemi le morui.
A re botlhe ba simolola mo lebokosong le le lengwe mme yo o gorogang pele ko difolageng e le ene mofenyi.
“Mo botorong e, go na le mabokoso a a nang le diphologolo le dijalo. Molemi o tsamaela ka fa molemeng fa morui a ya ka fa mojeng,” a tlhalosa jalo.
Monana yo wa dingwaga tse di masome mabedi le borataro a re motshameko o o simolola ka go latlha letaese mme kgonafalo ya letaese e tla a bo e mo isa ko potsong ya gagwe mo dikarateng.
Ka jalo fa motshameki a tshwere potso o tsamaya dikgato tse pedi.
E ntse e le mo go one motshameko o, bokoso nngwe le nngwe e na le selekanyo sa madi a a kgobokanngwang ka selekanyo sa dikgato tse motshameki a di tsamayang.
O boletse fa madi a motshameki a a kgobokantseng a ka a dirisa go reka potso fa a retelelwa ke e a e tlhophileng kana go itsa go boela ko morago fa a retelelwa ke potso.
Rre Ngwalongwalo a re mo nakong ya gompieno o emetse gore go rurifadiwe Setswana se se diriswang mo dikarateng ke gone a tlaa bong a simolola go rekisa.
“Mo nakong ya gompieno go beeleditswe di botoro di le lekgolo le masome a marataro, mme ke tlaa di gatisa mo nakong e e seng kgakala,” Rre Ngwalongwalo a latlhela.
O ne a leboga Professor Thapelo Otlogetswe, Dr Pearl Seloma le Mme Gosego Kgerethwa go bo ba mo thusitse mo go ageng motshameko o.
Sealogane se sa maranyane a dijo go tswa kwa BUAN a re o eletsa go ranolela motshameko o mo dipuong ka go farologana, go o tsenya mo sesupa ditshwantshong tsa motshikinyego le mo mesokelatsebeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Sylviah Disele
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 29 Aug 2018



