Setlhopha sa ba-tlhoka pono se gatetse pele
29 Aug 2018
Visual Impaired Theatre Group e supile fa e le ruri go nna le bogole e se go tlhoka bokgoni.
Setlhopha seo, se se tlholegang kwa Mochudi, se tlhamilwe ka 2014 ka maikaelelo a go batla tsela ya go itshetsa.
Fa a bua mo potsolosong le BOPA, modulasetilo wa pele wa setlhopha seo, Rre Mishingo Mathews o thalositse fa setlhopha se na le maloko a le lesome le borobabobedi, mme mo go sone ba le borobabobedi ele batlhoka pono fa ba le bane ba na le pono. Rre Mathews are setlhopha se se diragatsa mo go tsa mmino, kopelo le diletso ka jaana maloko a sone a kopane ka di talente tse di farologaneng.
“Re kopane re le batho ba ditalente tse di farologaneng, mme bontsi re ne re tsena mmogo kwa sekoleng sa Pudulogong mo Mochudi.
Re ne ra tsaya tshwetso ya go dira setlhopha se gore re kgone go itshetsa morago ga go fetsa sekolo,” ga tlhalosa Rre Mathews.
O boletse fa setlhopha sa bone se ne sa amogela dithuso tsa madi go tswa kwa lephateng la go fa banana dithata, metshameko le ngwao ka ngwaga wa 2014.
A re ka dithuso tseo ba ne ba kgona go reka didirisiwa tsa go letsa di akaretsa marimba, dikatara ga mmogo le meropa.
Rre Mathews o ne a tlhalosa fa setlhopha sa bone se amogelesegile ka jaana ba diragatsa gongwe le gongwe jaaka kwa manyalong le mo ditirong tsa puso.
“E ne ya re ka 2018, ra tsaya karolo mo ditshupong tsa Youth Expo tse di neng di tshwaretswe ko Gaborone, mme re le ka fa tlase ga karolo ya creative and performance arts.
Mme mo go yone karolo eo, re ne ra kgona go bona Minister’s Award,” ga bua Rre Mathews.
O ne gape a tlhalosa fa mo go sone seetsele seo ba ikgapetse kopi ga mmogo le madi a kanang ka dikete di le masome a mabedi le botlhano, a bolela fa se se ba tiisitse moko le go feta ka jaana go itshupile fa ban a le bokgoni mme e bile bo lemosega.
E re le ntswa setlhopha se se bona maduo ga mmogo le kgolo e ntle, sebe sa phiri ke go tlhoka lefelo la ikatiso ga mmogo le lefelo lele babalesegileng fa ba ka bayang teng didirisiwa le diletso tsa bone.
Rre Mathews a re se se a tshwenya ka jaana ba felela ba dirisa madi go duelela mafelo mangwe gore ba kgone go bona ha ba ikatisetsang teng.
A re gape letlhoko la koloi le ba baya ka fa mosing ka lebaka la gore ba tsamaya mafelo a farologaneng e bile a katologane go ya go diragatsa, a re fa bane ba na le yone tiro ya bone e ne e ka nna bonolo.
Le fa go ntse jalo, Rre Mathews a re ba dirisa maranyane a segompieno go ipapatsa le go itsenya mo sechabeng.
A tlatsa ka gore nako tse dingwe ba tshwara mmino fa pele ga marekisetso ele tsela nngwe ya go ikatametsa kwa sechabeng go ba supegetsa talente ya bone.
“Toro ya rona ke go ipona re le setlhopha se se godileng e bile re kgona go diragatsa mo meletlong e megolo mo Botswana le gone go tswela kwa ntle ga lone tota,” ga fetsa jalo Rre Mathews. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kelebogile Taolo
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 29 Aug 2018



