Dikereke di rotloediwa go aga setshaba
29 Aug 2018
Moeteledipele wa lekgotla la dikereke tsa semoya la OAIC, Rre Phillimon Motlhagodi o kopile dikereke go nna le seabe mo go tokafatseng lefatshe.
Mo potsolotsong le BOPA, Rre Motlhagodi yo gape a eteletseng lekgotla la dikereke tsotlhe la BONECO, o supile fa a tshwentswe ke botlhokatsebe jwa bangwe batho, bogolo jang banana bo jo akaretsang tiriso ya diritibatsi, tlhakatlhakano ya sepolotiki mo lefatsheng gammogo le maduo a bana ba dikolo a a welang kwa tlase ngwaga le ngwaga.
“Re dirang re le dikereke go aga Botswana?
Re tshwanetse ra nna le seabe go baakanya mathata a a apereng lefatshe. A baruti le baporofiti ba nne le seabe.
Dikereke ga di a tshwanela go emela go bidiwa mme re tshwanetse ra ema ka dinao le rona fa re bona go na le tlhakatlhakano, ra tsenya letsogo mo go siamiseng diemo,” o gateletse jalo.
O ne a kopa dikereke le makgotla a tsone bogolo jang a a kwa metseng a Ministers Fraternal, go dirisa neo ya bone ya semowa go ama Batswana le go fetola ditiro tse di bosula.
A re ba tshwanetse ba tsena mo dikoleng ba rapedisa tiriso ya diritibatsi ka tlhoafalo, a tlatsa ka gore kereke ke yone e ka tsisang tshisibalo le kagiso mo lefatsheng le mo malwapeng tota.
Le fa go ntse jalo, Rre Motlhagodi o ne a bua a sa kgwe mathe mabapi le dikereke tse di tsweletseng ka go kgotlela le go leswafatsa tikologo.
O tlhalositse fa mo kgaolong ya Legare go na le di-tsa tlholego tse dintsi tse di ka tsisetsang lefatshe madi jaaka makgobokgobo a Old Palapye.
Mme a re ka maswabi dikereke di tsweletse ka go leswafatsa lefelo leo ka dinako tsa bone tsa dithapelo, go na le go thusa gore le dirisiwe go ngoka bajanala.
“Go lobaka puso e ntse e ngongorega ka kgotlhelo ya tikologo e e dirwang ke dikereke mo mafelong a go tshwana le a, mme nako kgolo ke eno gore re iteke re le dikereke.
A dikereke di ntshe megopolo ya go ka tlhabolola mafelo a, mme di bone gore a ka dirisiwa jang go tsholetsa itsholelo ya lefatshe, a tiro ya rona e se nne go ya go rapela fela kwa dikerekeng,” Rre Motlhagodi a tlhalosa.
A re dikereke di tshwanetse tsa ipopa mme tsa bua ka lentswe le le lengwe mo dikgannyeng tse di amang botsogo jwa lefatshe, a re seo se ka tlhofofatsa tiro gammogo le go aga lefatshe.
Mo go tse dingwe, Rre Motlhagodi o ne a gakolola dikereke go emisa mowa wa go nyatsana, a re go a swabisa gore e re batho ba rapela Modimo yoo esi, ba bo ba nyatsana.
A re kereke nngwe le nngwe e na le ditsamaiso tsa yone mme seo se tshwanetse sa tlotlwa ke botlhe.
Rre Mothagodi o kopile le baruti go emisa go tlhakanya boporofi le bongaka jwa Setswana, a re seo se tsietsa batho se bo se dira gore ba tlhoboge leina la dikereke ntswa e se tsotlhe tsa baruti ba ba dirang jalo.
Mogolwane wa makgotla a dikereke o ne a supa fa a tshwentswe ke dikereke tse di ipayang fela, a re mo Palapye go supilwe fa go na le dikereke tsa bo maipaafela di le masome a mararo le bobedi le fa ntswa tse dingwe dikgang tsa tsone di santse di sekiwa kwa go ba kabo ditsha.
O gakolotse dikereke go nna di le malala a laotswe go ka tsibogela tse di diragalang mo lefatsheng, a re ba BONECO ba ititeile sehuba go netefatsa gore lentswe la dikereke le a utlwala le kwa babusing tota. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bonte Seepi
Location : PALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 29 Aug 2018



