Koki pottery e a solofetsa
29 Aug 2018
Ba-na-le bogole ba tsweletse ka go itirela ka diatla.
Mme Koketso Ntoka kwa Kanye ke mongwe wa ba ba sa eletseng go nna bophokojwe ba morago, ka jalo a simolotse kgwebo go tshetsang.
Ka menwana e le metlhano fela ya letsogo la moja o dira bokgabane le bonokopila go itshetsa, a sa inyatse gore ke mo-na-le bogole.
Mme Ntoka yo o nang fela le menwana mo letsogong la moja morago ga go kgaoga seatla sa molema, o bopa dijana tsa mabeelo a dithunya, mabeelo a mekgabisa, dikotlele le dipitsa tsa dithunya tse di kgabisang ga reng ga tse dinngwe a dirisa dipampiri tsa mae le tsa dikgang tse di sa tlholeng di le mo tirisong abo a kgabisa ka dipeo tsa ditlhare.
O dirisa dipeo tsa ditlhare tsa mokabi, modubana, jacaranda le Christmas tree tse a di kopang mo dijarateng tsa batho fa tse dinngwe a di sela mo nageng.
Mme Ntoka a re o simolotse tiro ya botaki ka 2013, mme ka ntlha ya gore o ne a sa ipapana sentle, kgwebo ya seka ya tsamaya sentle ka jalo ya phutlhama, a bolela fa monyenyo le kamogelo e ke tsone tse di gorosang bareki le barotloetsi sentle mo madirelong a gagwe a Koki’s Pottery a jaanong a mo jensang.
O tlhalositse fa a ne a tsosolosa kgwebo ka 2015 mme ya mo fa tsholofelo ka jaana a ne a atolositse ipapatso e bile a reketse kgwebo ya gagwe tsotlhe tse ditlhokegang ka a ne a ntse a e kokotleletsa ka go bereka ipelegeng ka nako ya fa e phutlhame.
Mme Ntoka a re o bapatsa kgwebo ya gagwe mo maranyaneng a facebook, dikarata tsa ipapatso ga mmogo le mo ditshupong ka go farologana.
A re go tsaya karolo mo ditshupong go mo thusitse thata ka ipapatso le go mo tiisitse moko le go mogodisa mo a feletseng a ikgapetse dietsele di le mmalwa a supa ga ngwaga o o fetileng a ne a tseneletse ditshupo tsa bomme mme a gapa maemo a ntlha.
O tlhalositse fa gangwe le gape a tsaya karolo mo ditshupong di le mmalwa tse di rulaganngwang ke maphata a puso ka go farologana jaaka la nyeletso lehuma, LEA, lephata la bong ga reng ga a manngwe.
Mme Ntoka a re letseno le a le bonang mo thekisong le a nametsa ka jaana go sa tshwane le fa a ne a ntse ka mabogo ka jaanong a setse a kgona go itshetsa le ba lelwapa la gagwe.
A re tiro ya gagwe e tlhoka lerato le bopelotelele ka gore malatsi a manngwe o kgona go lala a dira bosigo fa tse dingwe dithoto di tsaya beke gore di bo di ka rekisiwa.
A re kemonokeng le thotloetso o di tsaya mo go morwae ka jaana a sa mo felele pelo e bile a mo thusa bogolo jang ka tsa ipapatso ya maranyane.
Mme Ntoka a re keletso ya gagwe ke go thusiwa ka lefelo le a ka direlang mo go lone ka jaana ko lapeng a sena mabeelo a lekaneng, a kaa gape fa a eletsa go ka thusiwe ka mnaneo a puso go godisa kgwebo ya gagwe
“Ke simologetswe ke bogole ka 2005 morago ga gore ke kgaoge seatla kwa tirong kwa Gaborone,” a bolela.
O supile fa go mo tsere sebaka gore a ikamogele mme ka sengwe le sengwe se na le paka ya sone, o ne a ikamogela le go tswelela pele le leeto la botshelo.
“Ke ne ka tsaya botshelo jwa me ka bo bapisa le jwa tshoswane mme ka bona gore ga nkake ka gaisiwa ke setshidinyana se sennye jaana ka go itirela ka jalo ka ikemela ka dinao go itshetsa,”a latlhela.
Mme Ntoka o gakolotse ba-na-le bogole jaaka ene go itsaya tsia, ba tlogele go inyatsa gape ba batle senngwe se ba ka se dirang go ba ntsha mo kgatelelong ya maikutlo le go le lehuma. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Galaletsang Letshoo
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 29 Aug 2018



