Breaking News

Bomme ba kopiwa go rotloetsa borre go dira loaro

28 Aug 2018

Bomme ba kopilwe go rotloetsa Borre go dira loaro lolo babalesegileng go fokotsa kgonagalo ya go tsenwa ke mogare wa HIV le malwetse aa farologaneng a tlhakanelo dikobo.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng morago ga go tshwara bokopano jwa Moonlight bo rulagantswe ke ba motshameko wa Makgabaneng kwa kgotleng ya Lotlhakane East, moeteledipele wa wa Makgabaneng, Mme Lere Basupang a re go dira loaro lolo babalesegileng ga go tswele borre mosola ba le nosi ka go thusa le bomme go hema go amiwa ke kankere ya molomo wa popelo .

Mme Basupang a re e le ba motshameko wa Makgabaneng ba ikgolagantse le ba lephata la botsogo le Boitekanelo go gasa molaetsa wa botlhokwa jwa go dira loaro lolo babalesegileng kwa setshabeng.

A re lekalana la bone le itebagantseng le go fetola boitshwaro jwa batho ka go dirisa metshameko e ereng fa motho a e reeditse o kgone go e amanya le botshelo jwa malatsi otlhe, ka jalo go nne motlhofoo go amogela molaetsa.

Mme Basupang a re ba tlhopha setlhogo sa molaetsa ba labile tse di diragalang tsatsi le letsatsi mo matshelong a batho ka jalo ba tlhophile setlhogo sa loaro lolo babalesegileng la borre gore ba rute banni ba Lotlhakane East ka bomosola jwa go dira loaro lo.

A re ba golagane le puso maikaelelo e le go thusa puso go anamisa molaetsa ka botlhokwa jwa go dira loaro lolo babalesegileng mo botshelong jwa ga mme le rre.

A re ba dirisa badiragatsi ba ba tumileng ba motshameko wa Makgabaneng jaaka Brahman go rotloetsa bagolo go dira loaro lolo babalesegileng le ba banana jaaka Ditiro go thusa go kgothatsa banana go dira loaro lo.

A re ba itlamile go dira ka natla go fitlhelela borre le bomme ka go tsena ntlo le ntlwana, ba ba reedisa motshameko wa bone mme e re morago ba buisane le bone ka ga motshameko oo.

A supa gape fa ba tshwara dithupeetso (roadshows) ko ba diragatsang teng, ga mmogo le go tshwara dipuisano tse di itsegeng ka Moonlight ko ba phutlhang morafhe go tsaa dikgang maitseboa go goditswe molelo.

Mme Basupang a re go dirwa ga loaro lwa borre ke selo se se tswang bogologolong se dirwa, a tlatsa ka gore dipatlisiso di supa fa lo fokotsa kgonagalo ya go tsenwa ke mogare ka selekano sa masome a marataro mo lekgolong.

O akgotse borre baba tsereng tshwetso ya go dira loaro loo le bomme ba bone go ba ema nokeng le go isa bana ba basimne go dira loaro.

O ne a kopa Batswana go ba amogela fa bale mo metseng ya bone le go tsaya dithuto tse ba di ba isetsang ka tlhwaafalo ka dika tsisa phetogo mo matshelong a bone, mme a go kopa borre ba iseng ba dire loaro go tsaa ditshwetso tse di maleba go dira loaro go babalela matshelo a bone.

Mongwe wa badiragatsi Rre Raymond Gaobakwe yoo itsegeng ka leina la Brahman mo motshamekong wa Makgabaneng a re batswa kgakala ba ruta Batswana ka bolwetsi jwa HIV, boitshwaro ba remeletse mo tlhakanelong dikobo a tlhalosa fa rola kepese e leka go fokotsa kanamo ya bolwetse.

A re ba isa molaetsa kwa setshabeng ka seromamowa sa Botswana go tsibosa ka botlhokwa jwa go kganela malwetsi a tlhakanelo dikobo le borai jwa one ka ba bone gore seromowa se aname le lefatshe lotlhe.

O tlhalositse fa ene yare mo tsamaong ya nako ba bona go le botlhokwa go gatisa motshameko wa bone ka setshwantsho sa motshikhinyego se se bidiwang Mareledi ka maikaelelo a go kaela Batswana motshameko gore ba o bone ka matlho. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Khumoyame Laetsang

Location : LOTLHAKANE EAST

Event : Potsolotso

Date : 28 Aug 2018