Breaking News

Healing church e aba melora

28 Aug 2018

Bana ba masiela le batlhoki ba sekole se sebotlana sa Serorome kwa Palapye ba abetswe melora ke mokgatlho wa bomme wa Healing Church.

Fa a bua mo potsolotsong morago ga go abela bana melora eo, moruti wa Healing Church mo Palapye, Rre Shadrack Tshupelo o ne a supa fa bomme ba kereke eo go ralala lefatshe  ba ne ba ikopanya ba gwetlhwa ke lerato le kutlwelobotlhoko mme pheletsong ba gopola bana ba masiela le batlhoki ba sekolo se sebotlana sa Serorome.

Rre Tshupelo a re bomme ba Healing Church ba tswa kgakala ba tsentse letsogo mo ditirong tsa bopelotlhomogi go thusa le go tshwaraganela le puso mo go namoleng ba ba tlhokileng lesego.

A re mo bokopanong jwa bone jwa monongwaga kwa Palapye, mokgatlho wa bomme wa Healing Church o ne wa dumalana go thusa bana ba masiela le batlhoki ba sekole sa Serorome ba feta makgolo a mane.

“Bomme ke bone diphuka tsa kereke ya rona, kwa ntle ga bone re ka seke re fofe re le kereke.

Lerato ke lone botshelo, kwa ntle ga lerato ga go na Modimo” a tlhalosa jalo.

Rre Tshupelo a re go botlhokwa gore dikereke di tshwaragane le puso go thusa mo ditirong tsa bopelotlhomogi le mo botshelong jwa motho ka kakaretso, a supa fa seo se ka rarabolola dikgwetlho di le dintsi tse di aparetseng lefatshe.

Fa a tswa la gagwe, mothusa mogokgo wa Serorome, Mme Dikabelo Ketshabile o ne a leboga Healing Church a kaya fa go thusa baithuti ba ba tlhokang go supa fa kereke eo e le pelotlhomogi.

A re kereke eo e tlaa segofala le go feta mo ditirong tsa yone tsa bopelotlhomogi a tlhalosa fa go le lesego letsogo le le abang go na le le le amogelang.

“Setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata mme e bile moroto wa o esi o sa ele, ke gwetlha kereke ya Healing Church go tswelela e itshwaragantse le dikolo go thusa bana ba ba nang le botlhoki.

A re lekodisaneng ka mathata a rona” a bua jalo.

Kgosi wa kgotla ya Extension 4 le 3 mo Palapye, Kgosi Monthusi Kgosiesele a re ntswa dikereke mo lefatsheng leno di na le letlhoko la madi, di tsweletse ka go thusa mo setshabeng.

A re lekgetho la dikereke le kwa godimo mme seo se bolaya maiteko a dikereke mo go thuseng setshaba, ka jalo a kopa puso go sekaseka lekgetho la dikereke.

“Fa lekgetho le ka fokodiwa, go ka nna bonolo gore dikereke di tswelele ka go thusa mo setshabeng ka ba ka boloka sengwenyana go na le go akanyetsa go boloka madi a lekgetho le le kwa godimo,” Kgosi Kgosietsele a tlhalosa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : PALAPYE

Event : PALAPYE

Date : 28 Aug 2018