Barui ba gakolotswe go nna le seabe
28 Aug 2018
Barui ba meraka ya Morale kwa kgaolong potlana ya Mahalapye ba kgothaditswe go tlhokomela leruo.
Fa a bua kwa thuto-puisanyong e e neng e rulagantswe ke ofisi ya mosepele le ipabalelo tseleng kwa Morale bosheng, Kgosi Kobamelo Maunatlala wa kgotlana ya Leretlwa kwa Mahalapye o ne a re leruo le le sa tlhokomelweng le sasanka mo tseleng ya A1 mme le felele le baka dikotsi tse di gapang matshelo a batho.
Kgosi Maunatlala a re go utlwisa botlhoko go bona batho ba latlhegelwa ke matshelo, bangwe ba sala ka bogole le go latlhegelwa ke batlamedi ka ntata ya leruo le le sa tlhokomelweng ke beng.
O kgothaditse barui go nna le boikarabelo ka go tlhokomela leruo. A re bogogi jwa Mahalapye bo tshwenngwa ke seemo se se golelang pele sa dikotsi tse di bakiwang ke leruo mo tseleng ya A1. Le fa lephata la ipabalelo tseleng le mapodisi ba dira ka natla go laola seemo, Kgosi Maunatlala a re maiteko a bone a folodisiwa ke go salela morago ga barui. Kgosi Maunatlala a re botlhe ba ba amegang ba tshwanetse go tsaya boikarabelo.
“Ke ipotsa gore o le morui o tseega jang fa kgomo ya gago e bakile kotsi, e gapa botshelo jwa mongwe kana e tlogela mongwe ka bogole,” ga bua Kgosi Maunatlala. Mogolwane wa lekalana la sepodisi la pharakano kwa Mahalapye, Rre Modisaotsile Maabanyane a re ke boamaruri gore leruo le le senang tlhokomelo le tsweletse ka go nna le seabe mo dikotsing tsa tsela ya A1.
O gateletse botlhokwa jwa gore barui ba nne le seabe mo lenaneong la ipabalelo tseleng. Rre Maabanyane a re mo nakong e e fetileng, barui ba le 60 ba lebisitwe molato morago ga gore leruo la bone le bake dikotsi. “Bagaetsho ke batla le tlhaloganye gore fa re bua ka kotsi ya tsela re bua ka seemo se se ngomolang pelo ka mongwe o latlhegelwa ke botshelo, mongwe a fetoga mona-le-bogole ka ponyo ya leitlho, go latlhegelwa ke koloi, botlhoki kana seemo sepe fela se se utlwisang botlhoko.
Ka jalo go botlhokwa go tsaya boikarabelo jwa go laola seemo se,” Rre Maabanyane a gakolola. Rre Maabanyane o supile gore dipalo tsa leruo le le ntshiwang mo tseleng ya A1 di tsweletse ka go oketsega a re ba bone go l botlhokwa go ikopanye le barui go ba tsibosa ka seemo se. O supile fa ka 2015 dikgomo di le 12 458 di ne di sasanka mo tseleng ya A1 go sena yo o di tlhokometseng, ka 2016, palo eo ya oketsega go nna 14 352, fa ka 2017 dikgomo di le 7 683 di ne tsa ntshiwa mo tseleng ya A1.
A re go tsena ka Phukwi monongwaga, dikgomo di le 7 963 di fitlhetswe di gobeya mo A1.
Rre Maabanyane o supile fa go simolola ka 2015 go tsena ka Phukwi monongwaga dikotsi di le 456 di bakilwe ke leruo.
Go tsibogela seemo se, barui ba meraka ya Morale ba ipopile ditlhopha go tlhama mekgatlho e e tlaa dirisanang le ba ipabalelo tseleng le sepodisi go lwantsha seemo, kgato e e iteetsweng legofi ke lekalana la mesepele le ipabalelo tseleng.
Mongwe wa barui, Rre Bakgosi Moloigaaswe o supile fa a tshwentswe ke seemo se a re ba tlaa itlama e le barui go tshwaragana le makalana a puso a a amegang go fokotsa dikotsi tse di bakiwang ke leruo.
Le fa go na le terata e e ageletseng tsela go itsa leruo go tsena mo tseleng, Rre Moloigaaswe a re go na le bangwe ba ba senang boikarabelo ka go tlogela diheke di sa tswalwa mme leruo le tsene mo tseleng.
Mme Bani Tamocha ke mongwe wa barui ba ba reng ba babaletswe ke go duela ditshenyegelo tsa dikotsi tse di bakwang ke leruo.
Mme Tamocha a re o tshwenngwa ke bangwe ba ba butseng marekisetso a nnotagi mo merakeng, a supa fa seemo seo se dia badisa go dira tiro.
Mogolwane wa ofisi ya dipalamo le ipabalelo tseleng kwa Mahalapye, Mme Pearl Kasweka a re ba dira ka natla go gasa melaetsa ya ipabalelo tseleng.
Mme Kasweka a re go kopana le barui ke mothale mongwe o ba o dirisang go lwantsha dikotsi.
A re go botlhokwa go tsibosa botlhe ba ba amegang go thusa go tswa ka maano a go ritibatsa seemo. Mme Kasweka a re lephata la gagwe le setshaba ba filwe maitlamo a go fokotsa dikotsi ka sephatlo ka 2020.
A re dikotsi di kokonela itsholelo, bangwe ba latlhegelwe ke batlamedi le ditshenyegelo tsa go tlamela ba ba amilweng ke dikotsi.
O kopile barui go tsaya boikarabelo go tlhokomela leruo e seng go latlhelela tsotlhe mo diatleng tsa badisa. Mme Kasweka o tsibositse barui go emisa go roma bana ba ba kwa tlase go kgweetsa kara ya ditonki. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaotlhobogwe Orefile
Location : MAHALAPYE
Event : Thuto-puisanyo
Date : 28 Aug 2018



