Borre ba tsaya kgato go thatafetse
28 Aug 2018
Rre Modiredi Jonase a re ntswa borre ba rutwa le go kgothatsa go tsibogela botsogo jwa bone, bontsi bo santse bo le maoto a tshupa.
O tlhalosa gore ba ema ka dinao fa ba setse ba lebanywe ke dikgwetlho.
Rre Jonase o buile jaana kwa pitsong ya borre e e neng e rulagantswe ke BONELA kwa Serowe bosheng, ka maikaelelo a go nyeletsa mogare wa HIV, le go bona gore botlhe ba ba tshelang ka mogare ba bona kalafi.
Gape bokopanelo bo ne bo itebagantse le dikgwetlho tse di lebanyeng borre ba ba tlhakanelang dikobo e e sa sireletsegang ka bong bo le bongwe, le malwetse a tlhakanelo dikobo.
Rre Jonase, yo o neng a tsene bokapano, o ne a rotloetsa borre ka ene go nna boammaaruri mo go bomme ba bone, le go ba ema nokeng mo go tse di amang botsogo jaaka go dumela go itlhatlhoba.
O ne a kopa borre go lwantsha magatwe a a buiwang, a a sa rurifadiwang ka loaro lwa bonna, a tlatsa ka gore borre ba na le seabe se segolo go fedisa magatwe ao ka go dira se se maleba.
Bangwe ba ba tsena bokopano ba ne ba supa bomme ka monwana ba re ke bone ba rotloetsang borre go nna matlhomatlho ka ba dira tsotlhe go ba ngoka, ka borre ele batho ba ba palelwang ke go laola maikutlo a bone, mme morago ba ikotlhae.
E rile a arogana le bone ka malwetse a dikobo, Mme Felicia Mmolai wa kokelo ya Sekgoma o ne a rotloetsa borre go ema bomme nokeng go bona gore ba kwadisetsa boimana ka nako gore malwetse a dikobo a seka a fetela kwa baneng.
A re go botlhokwa go hema go tsenwa ke bolwetse go na le go emela kalafi ka go dirisiwa madi mo melemong.
Mme Mmolai o ne a ba kgothatsa go laola dikeletso tsa bone ka se se ka thusa mo go fokotseng dipalo tsa ba malwetse a dikobo.
Mme Mmolai o ne a rotloetsa borre gore ba seka ba lobela ba botsogo ka bakapelo ba bantsi fa ba lwala gore ba kgone go fitlhelela ba a tlhakanelang le bone dikobo.
A re fa rre a alafiwa a le nosi, maiteko a itaya sefololetsa ka bolwetse bo ya go boela faa tlhakanela dikobo le tsala e e sa alafiwang. Mooki wa kokelwana ya Newtown, Mme Edith Marekwa o ne a supa fa palo ya borre ba ba ba dirang loaro la bonna e fetwa ke ya bana ba dikole tse di potlana, ntswa go dira loaro go thusa thata mo go dibeleng malwetse a mangwe le gone go nna phepha.
Mme Marekwa a re ba lemogile fa bana ba sena letshogo jaaka ba ba setseng ba tlhakanelo dikobo, a tlatsa ka gore ba itemogetse fa bangwe ba tshaba go dirwa loaro, ka ba tshaba go lopiwa go itlhatlhobela mogare wa HIV, mme a tlhalosa gore le fa motho a na le mogare o ka dira loaro lwa bonna.
O ne a tlhalosa fa bontsi bo ne jwa dira loaro le ka lenaneo la Rola Kepese ka borre ba ne sa tlhatlhobelwe mogare.
Mme Marekwa o ne a rurifaletsa borre fa ba rutetswe tiro e, e bile go sena makgwere mo go bao ba ba setseng ba le dirile. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lucretia Chima
Location : SEROWE
Event : pitso ya borre
Date : 28 Aug 2018



