Medumo ya diletso e tshwenya morafe
28 Aug 2018
Banni ba motsana wa Kweneng kwa kgaolong ya Kweneng ba supile fa ba tshwenngwa ke seemo se se sa laolesegeng sa medumo ya diletso tsa marekisetso a majalwa mo ba go kayang fa go gakaditse seemo sa borukutlhi kwa motsaneng oo.
Banni ba Kweneng ba ne ba bua jalo go lekodisa mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Mme Botlogile Tshireletso mo phuthegong ya kgotla kwa bosheng.
Mme Olebile Tlhalefang o supile fa medumo ya diletso kwa motsaneng oo e tlhokisa malwapa kagiso le seriti e bile e godisitse borukutlhi jo bo akaretsang dipolaano, bogodu jwa leruo, dintwa tsa malwapa magareng ga tse dingwe.
Banni ba ne ba supa ka monwana mapodisi go bo ba sa rekegele go tlhomamisa kagiso le tolamo mo motseng, ba supa gore go le gantsi dipego tsa morafe go kopa thuso ya ba sepodise di seke di tswa tema, ntlha e dirang gore ba latlhegelwe ke tshepho mo bodireding joo.
Mme Boni Mmualefhe ene o ne a kopa gore ba-na-le bogole ba akaretswe mo thulanyong ya go akola mananeo a tshwana la go apaya borotho ka thulaganyo ya Ipelegeng.
Tona Tsireletso o ne a kopa malwapa go tsaya boikarabelo go thusa go aga setshaba ka go tsamaisa dilo ka tolamo go hema go godisa tshaba e sa laolesegeng e dira dilo ka tshokamo.
“Ke tshwenngwa ke dikgang tsa tsamaiso ya malwapa mo go tsweletseng ka go gola mo gare ga tshaba ya lefatshe leno.
Ke boikarabelo jwa rona re le batsadi go netefatsa go dira dilo ka fa mokgweng go hema gore bana ba seka ba kopa mekgwa go tla ba e dirisa kgatlhanong le rona re le setshaba, “ ga gakolola Mme Tshireletso.
O supile fa puso e na le boikarabelo jwa go tlhabolola matshelo a setshaba le go tlhomamisa ditshwanelo tsa sone, a supa fa puso e ka seke ya tsaya maikarabeo a go tsamaisa malwapa, ka jalo a gwetlha morafe go tsaya boikarabelo.
Tona Tshireletsi yo maikarabelo a gagwe gape a itebagantseng le thokomelo ya matshelo a batho ba dikgaolo tse di kgalaka le ditlamelo, o gateletse botlhokwa jwa go netefatsa fa mananeo a puso e thusang go tlhabolola matshelo a batho a ntsha maduo gore batho ba aloge go fokoletsa puso morwalo.
A re go tlhoka go ntsha maduo ga mananeo go tshwenya thata ka jaana go supa gore batho ba amogela fela ba sena maitlamo a go atisa tse puso e thusang ka tsone.
O tlhalositse fa batho ba feta 3 000 ba metse e e kgakala le ditlamelo ba thusitswe go bona diphatlha tsa ditiro mo pusong ka fa tlase ga lenaneo la Affirmative Action, le ka lone diphatlha tsa ditiro di gaisanelwang ke bana ba kgaolo eo kgatlhanong le khiro e go lejwang bokgoni ka bophara.
O lebogetse go wediwa ga diofisi tsa kgotla ya Kweneng e le nngwe ya ditiro tse di neng di abilwe ka lenaneo la go tsosolosa itsholelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : KWENENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 28 Aug 2018



