Breaking News

Motovac e isa ditlamelo kwa setshabeng

28 Aug 2018

Batho ba Tsabong le metse e e mabapi ba iteetse legofi lebentlele la Motovac go bo le butse madirelo a lone a ntlha mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa kwa Tsabong.

Fa a amogela morafe le ba Motovac ka Labotlhano, Kgosi David Toto II wa Tsabong o tlhalosise fa banni ba sa bo lo go sokola ka lobaka ka ba ne ba lebaganwe ke kgwetlho e  tona ya go latela ditirelo tsa lebentlele le kwa ditoropong.

O boletse fa ba leboga ebile ba itumeletse pulo ya lebentlele, a re ga e a tlisa ditlhabololo fela mme e tla ba fokoletsa mosepele le ditlhwatlhwa tsa go duelela mesepele go latela ditirelo kgakala.

Fa a rola semmuso mafoko a pulo ya lebentlele, mothusa mokwaledi wa khansele ya Borwa, Rre Boysie Mabengano o tlhalositse fa ba amogela lebentlele le ka atla tsoo pedi.

O tlhalositse fa banni ba ne ba babalelwa ke go latela ditirelo tsa lebentlele kwa Jwaneng le Gaborone mme se, se ba turela.

A re go bulwa ga lebentlele go tsisa boitumelo ka go tlaa thusa go fokotsa letlhoko la ditiro ka a dumela fa le tla thapa banni ba motse wa Tsabong le  e mabapi.

O gakolotse banni  go rotloetsa ditirelo tsa lebentlele le go le dirisa ka le agetswe bone.

Fa a tlhalosa maitlamo a Motorvac, moemedi wa khamphani e mo Botswana Rre Samir Patel o boletse fa a itumetse go bo ba bone lefelo le ba tlaa direlang mo go lone mo kgaolong e.

O tlhalositse fa ba ne ba dira dipatlisiso mme ba itemogela fa kgaolo ya Kgalagadi e na le letlhoko le le tona la marekisetso a ditshipi tsa dikoloi mme ba tla ka mogopolo wa go bula lebentlele mo kgaolong e.

Rre Patel o boletse fa ba ikaelela go thapa banni ba Tsabong le metse e mabapi e le tsela nngwe ya go fokotsa letlhoko la ditiro mo kgaolong e.

O boletse fa ba butse marekisetso a le mmalwa mo lefatsheng leno e bile ba a thapile bana ba Batswana ba le mmalwa e le tsela ya go lebogela Batswana lorato le thotloetso e ba e fiwang ke lefatshe leno.

Rre Patel o solofeditse banni gore o tlaa bula diphatlha tsa mebereko mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa di le lesome le boraro fa mo nakong ya gompieno ba setse ba thapile ba le supa.

O ne a rurifaletsa banni ba ba nnang kgakala le Tsabong gore ba tla isediwa dithoto tsa bone kwa mafelong a bone ntle le go ba lopa dituelo dipe.

Mo potsolotsong le mongwe wa bareki Rre Botie Villander o supile fa ba ne ba babaletswe ke mosepele wa go ya Jwaneng le Gaborone go ya go batla ditirelo tsa lebenkele le.

O rotloeditse banni go akola ditirelo tsa lebentlele le, e bile a re le tlaa fokotsa letlhoko la ditiro mo motseng wa bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Boitshwarelo Tsholofelo

Location : TSABONG

Event : pulo ya lebentlele

Date : 28 Aug 2018