Breaking News

Thekiso ya dimela e tlodisa bomme ba Makoro melatswana

27 Aug 2018

Bangwe ba bomme ba masimo a Makoro ba bone go le botoka go bapisa tsela go rekisetsa bafeti le tsela se e le tsela ya go lwantsha letlhoko la ditiro.

Mongwe o ka ipotsa gore go simologile jang mme ka maano a sa site, mongwe wa basimolodisi ba kgwebo eo, Mme Ledirafetse Lokiala o tlhaloseditse BOPA fa dikgwetlho tsa botshelo di ne tsa mo isa kwa tseleng.

Mme yo gompieno e setseng e le letlhogotshweu, a re o simolotse kgwebo e ka 1998 fa ngwana wa gagwe wa maitibolo a ne a bilediwa Tirelo Sechaba mme e le motsadi, a tlamega go mo rekela tsele le tsele ka jaana e ne e le moema nosi, rragwengwana a ne a inaya naga.

A re e ne e le ka nako ya letlhafula mme a bolaile magapu. Go fifalelwa ke dikakanyo tsa gore o ka tsaya kae madi, a tlelwa ke mogopolo wa go lekeletsa go rekisa magapu kwa tseleng.

“Ke ne ke dira ke sa tshephe, kante ga ke itse gore ofisi ya me e tlaa nna yone e. Seo ya bo e le pula dikgoro ka jaana magatswana ame a ne a rekwa ka ponyo ya leitlho ka lekanya a go rekela ngwana tse a di tlhokang,” Mme Lokiala a tlhalosa.

“Ya bo e le gone jaaka ke tsene mo kgwebong, ka nwela ka seka ka tlhola ke gadima kwa morago ka bona gore tsela e na le botshelo ka ke ne ke sa itewa letsogo jaaka dithaka tsame mme ke tshela ka temo thuo,” ga tlhalosa Mme Lokiala.

Fela jaaka bontsi jwa Batswana, Mme Lokiala a re go le pele, o ne a lemela go ja mme go lemogeng gore thekiso e ka nna motswedi o o o elang, a oketsa tlhwatlhwa ya temo ya gagwe.

Mo bogompienong mme yoo, wa dingwaga di masome a supa le bongwe o rekisa morogo, dinawa, manoko, ditloo mme a re ka nako ya letlhafula o rekisa tsotlhe tsa temo.

A re ka nako ya phane, le yone o a e rekisa le maungo a naga jaaka mogorogorwane le mmupudu.

A re o tsentse bana dikole ka kgwebo ya tafole e bile o na le moenjenere, lesole gammogo le radidiba, selo se a reng se mo nontsha pelo ka mathe ka jaana a ikgodiseditse bana ba gagwe a sa kope ope, a itirela ka diatla tsa gagwe.

O gakolotse bomme gore ba seka ba nna ka diatla a re ba di dirise go itshetsa.

A re ba e setseng e le matlhogopuswa jaaka ene le bone ba seka ba emela go jesiwa ke puso fela ba sa iteke a re ene mo bogompienong, ga a na nako go tlhagola masimo mme kgwebo ya gagwe e a mo thusa ka o tsweletse ka go lema mme ka nako ya go tlhagola a thapa batho go mo thusa.

Mme Keitumetse Maphanephane, monana wa dingwaga tse masome a mararo le bone, le e ne a re o simolotse go rekisa dikgwetlho tsa botshelo di mo harahere ka 2009.

A re o ne a seka a dira sentle mo mophatong wa boraro kwa sekoleng se segolwane sa Mabogo kwa Palapye mme a retelelwa ke go bona tiro ya sennela ruri.

Ntateng ya letlhoko la tiro a re o ne a felela a tsaya lemme le a neng a atswiwa ka lone kwa CB Stores morago ga go dira tiro ya nakwana teng mme a itshimololela kgwebo ya gagwe e a godileng a bona e direla mmagwe madi. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Bonte Seepi

Location : makoro

Event : Potsolotso

Date : 27 Aug 2018