Ba Shadishadi ba re bojalwa jwa Setswana ga bo na selabe
27 Aug 2018
Morafe wa ShadiShadi le metsana e e mabapi ba boleletse lekoko le le romilweng ke palamente go sekaseka melawana le tiriso ya bojalwa gore fa go tla ka fa bojwalweng jwa Setswana, puso e seka ya gagamatsa setoropo thata ka jaana bojalwa joo bo sena selabe fa go tshwantshanngwa le majalwa a mangwe.
Banni ba buile jalo ka Labone mo thulaganyong ya patlo maikutlo e e eteletsweng pele ke lephata la botsogo go tsaya megopolo mo Batswaneng lefatshe ka bophara.
E re ntswa banni ba sa iphitlha ka monwana ba supa ka fa nnotagi e tsisang ditlamorago tse di sa siamang ka teng, ba boleletse lekoko leo fa go nowa ga bojalwa go ile magoletsa. Ba kaile fa modumo mo dibareng o o bakwang ke diletso le one o sa ba robatse.
Ba tlhalositse fa go nowa ga bojalwa phetelela go bakwa ke go bo go sena ditiro mo motseng jaanong go nwa bojalwa le maitiso a dibara e le yone tsela fela e banni ba koo ba itlosang bodutu ka yone.
Le fa go ntse jalo banni ba re ba itemogetse gore bojalwa jwa Setswana jone ga bo na ditlamorago tse di kalokalo e bile ba kopa puso gore e sekaseke dinako tsa thekiso ya bojalwa jwa Setswana. Bare ba lopa gore bo bulelwe phakela ka nako ya lesome bo bo bo tswalelwa ka nako ya borataro mo maitseboeng.
Ba re ba buisiwa se ke gore bojalwa jo ga bo batle go tsaya nako e telele ka bo senyega ka pele.
Mongwe wa banni Rre Kabelo Gabanakgosi o kopile puso gore bojalwa jwa Setswana bo seka jwa emisiwa ka jaana go tswa goo lowe batsadi ba bone ba itshetsa ko jone.
O buile gape gore ga bo bogale e bile ga bo na ditlamorago.
Ka jalo o kopile gore bo baakanyediwe dinako tsa go bulwa le go tswala fela ebile bo seka jwa lelediwa diletso.
Bangwe ba gateletse gore ba itshetsa ka bojalwa jwa Setswana, ka jalo ba kopile puso gore bojalwa joo bo seka jwa kgethisiwa ka ba ka seke ba kgone go bona se se yang ganong.
Go ntse go le foo, Rre Raseiphepi Keforilwe ke mongwe wa ba ba supileng fa majalwa a Setswana a tsenngwa metswako e e borai.
O tlhalositse gore majalwa ga a bulelwe ka nako e e beilweng ya bobedi mo tshokologong.
Rre Bushy Masogo ene o kopile puso gore lenaneo la banana la metshameko le le ntseng le dirwa ka lekgetho la bojalwa le fetolwe go dirwe lenaneo la tiro ya diatla gore lesolofele banana mosola ka jaana le le leng teng le fetotse bana digole ka ba sa kgone go itirela sepe.
Le fa go ntse jalo e ne ya re pele moeteledipele wa lekoko ebong Rre Setso Setso a tlhalosetsa morafe gore lekoko leo le tlhomilwe ke komiti ya palamente mme ya ntsha thomo ya gore go tsewe patlo maikutlo mo Batswaneng botlhe ka kakaretso tebang le melawana, makgetho le tsamaiso tsotlhe fela tse di amang bojalwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : SHADISHADI
Event : patlo maikutlo
Date : 27 Aug 2018



