Breaking News

Selelo sa barui ba Nhabe se tlaa arajwa

27 Aug 2018

Mogolwane wa matlhabelo a BMC kwa Maun, Rre Oabona Ramotshwara a re selelo sa barui sa dituelo tse ba di bonang morago ga nako e e dumalanweng se tlaa arajwa mo nakong e e sa fediseng pelo.

Barui ba ntse ba lela ka dituelo tse di tlang morago e seng dibeke tse pedi jaaka e le tumalano le matlhabelo fa ba tsaya dikgomo mo go bone, selo se ba reng se ne se setse se baka kgotlhang gareng ga bobedi.

Rre Ramotshwara o tlhaloseditse BOPA fa madi a ba neng ba a solofeditswe ke puso a tlaa bonala mo nakong e e sa fediseng pelo mme ba tlaa duela ba ba saletseng kwa morago le go tswelela ba duela sentle ba dikgomo tsa bone di tlaa tlhajwang .

“Puso e re solofeditse madi mo nakong e khutshwane mme re dumela gore se, se a go rarabolola mathata a dituelo tse di saletseng kwa morago,” Rre Ramotshwara a tlhalosa.

A re ba dumela gore barui ke ba-na-le seabe ba tlhwatlhwa, mme ba leka ka bojotlhe go ba itumedisa ka dinako tsotlhe gore go nne le tirisano mmogo gareng ga bone le BMC.

A re ba itemogetse mathata a dituelo ka Moranang morago ga go tlhagoga ga bolwetse jwa tlhako le molomo mme se, sa paledisa matlhabelo go nna le dipoelo go duela barui ka nako.

A re le fa ba le mo mathateng a madi ba leka bojotlhe go tlhalosetsa barui ka mathata ao a bone, a re ba kwalela dikomoti tsa ditlhabolo le dikgosi, go isa molaetsa kwa baruing.

O tlhalositse fa ba leka ka bojotlhe go isa molaetsa kwa setshabeng.

“Ga re kake ra kgona go leletsa barui botlhe fa re na le mathata ka gore nako tse dintsi megala ya bone ga e tsene, ka jalo re leka go bua le baeteledipele go gorosa molaetsa wa rona kwa setshabeng,” Rre Ramotshwara a supa

O solofeditse barui gore lemme le ba tlaa le bonang ba tlaa thiba fa go kgonegang teng, a supa fa kgang ya ditlhotlhwa tsa dikgomo e le nngwe ya dikgang tse ba di ipeileng pele, mme e tlaa tsibogelwa fa seemo se siama.

Morui, Mme Dorcus Kuruuo a re o sale a rekisitse dikgomo ka Morananag mme le gompieno ga a ise a bone madi a gagwe.

A re o lemogile fa matlhabelo a na le mathata a madi, ka jalo o kopile puso gore ba nne ba tsibogela kopo ya matlhabelo ka bonako ka gore matshelo a batho ba bantsi segobogolo mo kgaolong ya Nhabe a ikaegile ka kgomo.

“Re batla gore re tsewe tsia gore re seka ra okeletsa puso morwalo, ka gore fa re sa duelwe sentle re ka fetoga batlhoki mme seo e nne morwalo mo go goromente,” a tlhalosa.

 Mme Kuruuo o kopile gore ba matlhabelo ba seka ba emela gore barui ba tle kwa go bone, fa ba nna le mathata a ba ba bolele nako e sale teng gore le bone ba leke ditsela tse dingwe tsa go batla madi.

Morui yo mongwe go tswa kwa polaseng ya Solabompe, Rre Domi Kandu a re le ene o rekisitse dikgomo ka Moranang, nako kgolo ke enoo.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Uzeuavi Mbaeva

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 27 Aug 2018