Breaking News

Banana ba Sedie ba kgaratlhela bana ba ba tlhokileng lesego

27 Aug 2018

 Maun ba intshitse setlhabelo go nna ditsebe le melomo ya bana ba sekole ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

Rre Prince Khango le Mme Refilwe Mogorosi ba ithaopile go tsamaya mo kgaolong ya Nhabe ba kopela bana ba dikole mesangwana ya basetsanyana.

Fa a bua mo potsolosong le BOPA bosheng, Rre Khango o tlhalositse gore le fa setswalo e le selo sa tlholego, bana ba dikole ba kopana le dikgwetlho dinako tse dingwe, mme go felele go ba kgoreletsa mo dithutong.

O tlhalositse fa ba ikaelela go ralala Maun ba kopa dithuso go abela bana ba sekole se segolwane sa Sedie kgwedi e e tlang. 

O ne a tlatsa ka go re e tlaa re morago dithuso tseo di atolosediwe kwa dikoleng tse dingwe.

“Re ikaelela gore tiro e ya go abela bana mesangwana, re e dire ngwaga le ngwaga mo dikoleng tse di farologanyeng mo Maun, go fa bana ba basetsana seriti le go ba ruta gape gore ba ka tlhokomela jang mebele ya bone,” ga tlhalosa Rre Khango.

A re ba kopile Kgosi Judith Sedumedi wa Sedie go nna sebui sa letsatsi fa ba tlaa bo ba simolola tiro ya bone ya bobelotlhomogi.

 “Ke leboga batho ba Maun thata ka gore e rile re ba rekisetsa mogopolo o, ba o tsibogela le go e amogela ka diatla tsoo-pedi.

“Ke setse ke tsene mo bagwebing le baeteledipele ba ba farologanyeng mme ba atla mogopolo le go solofetsa gore ba tlaa thusa,” a tlhalosa jalo.

Mme Mogorosi o kopile banana ka ene go nna sekao mo bontsing ka go ithaopa ka gore ka seo ba ka lemoga ba ba tlhokileng lesego mme ba ba thuse.

“Puso ga e kake ya kgona e le nosi go thusa ba ba tlhokileng lesego, ka jalo rona banana ba re setseng re ikutlwa re tshwanetse ra tla ka megopolo ya go thusa puso,” ga tlhalosa mme Mogorosi.

A re bone ba ne ba bona fa setshwarwa ke ntsa pedi se se thata, ka jalo ba ikopanya gore ba thuse ba ba tlhokileng lesego. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Uzeuavi Mbaeva

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 27 Aug 2018