Breaking News

Scotch o itlhotlhora lehuma ka thoko

27 Aug 2018

E re ka puso e tswa kgakala e rotloetsa Batswana go tswa ka methale ya go itshetsa ka e ka seke e kgone go thusa mongwe le mongwe, bangwe Batswana ba tsweletse ka go loga maano a a ka ba thusang go ikinola mo lehumeng.

Ka Motswana a re phokoje go tshela yo o dithetsenyana, Rre Basiame Scotch yo o tlholegang kwa Senyawe mo kgaolong ya Bokone-botlhaba, ke mongwe wa Batswana ba ba supang mowa wa boipelego ka a itshetsa ka go roka ditlhako.

E rile a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, Rre Scotch, yo o dingwaga tse di masome mane le boraro, a tlhalosa fa a simolotse kgwebo eo ka 1999, morago ga go batla tiro lebaka a sa e bone.

A re o simolotse a rokela ditlhako kwa Monarch kwa a nnang teng, mme e rile ka 2001, a fudugela kwa mmolong wa Francistown go atumela bareki, ka gore gape teng go na le batho ba bantsi.

O tlhalositse fa a simolotse a dirisa thoko le tlhale fela mme ya re morago a kgona go reka motšhine o o rethefatsang ditlhako le generator e e dirisang peterole go o dumisa, mme a gatelela fa a ile a itlhotlhora dipata go reka tse.

Rre Scotch re ka go twe dilo makwati, o ne a ithuta go roka ditlhako mo tsaleng ya gagwe mme a kgona go tsaya botsipa jotlhe. §A re o kgonne go fiwa teseletso ya go gweba ke ba Bye Law, ka jalo o tsamaisa kgwebo ya gagwe ka fa molaong ebile a gololesegile.

 O buile fa kgwebo ya gagwe e dira sentle, mme ebile a kase lale ka tlala, a tlatsa ka go tlhalosa fa ba a ba roketseng ditlhako ba bolelela, ba bangwe ka ene mme se se thuse go godisa kgwebo ya gagwe.

O ne gape a re go lebega fa ba a ba roketseng ditlhako ba ratile diatla tsa gagwe ka go ise go nne le dingongorego dipe, mme ebile se, se mo tiesetse moko le go feta.

Rre Scotch o a re fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe, kgwebo ya go roka ditlhako e kgona go ya kwa godimo le kwa tlase.

Le fa go ntse jalo, o gateletse fa go tsamaisa kgwebo ya gagwe go se motlhofo ka a tshwanela go e leka ka la ga Moshe tsatsi le letsatsi a tswa Monarch go ya kgwebong le ntswa go le sekgelenyana.

Rre Scotch a re bothata jo bongwe ke seemo sa loapi, bogolo jang ka nako ya dipula, ka a direla fela mo lebaleng.

A re mo gongwe ke gore bangwe batho ba batla go duela madi a a kwa tlasetlase fa a ba rokela ditlhako, se a reng se ka diga kgwebo.

Rre Scotch a re toro ya gagwe ke go bona kgwebo ya gagwe e godile e bile a na le lefelo le a direlang mo go lone, gape e a thapile Batswana ba bangwe go mo thusa. 

A re o itumelela thuso nngwe le nngwe go tswa mo pusong gore kgwebo ya gagwe e gole.

A re se sengwe se se monate ke gore o a ipereka, ka jalo a dira a sa salwa morago ke ope, e bile dipoelo tsotlhe e le tsa gagwe.

A re puso e ka seke e kgone go thusa mongwe le mongwe, e bile batho ba ka seke ba bone ditiro botlhe, ka jalo go itshetsa ka tiro ya diatla go le botlhokwa fela thata go intsha mo lehumeng.

O koneteletse ka go gakolola ba ba mo dikgwebong go bereka ka thata, e bile ba le pelotelele, ka kgwebo nako nngwe e ka ya kwa godimo le kwa tlase. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Festus Outule

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 27 Aug 2018