Breaking News

Badirelapuso ba kgothadiwa go itshwara sentle

27 Aug 2018

Mokwaledi mogolo wa ga Tautona, Rre Cater Morupisi o kgothaditse badirelapuso ba Charleshill le Ghanzi go nna le boinnelo, botho le bopelotelele fa ba thusa setshaba.

Fa a buisa badirela puso kwa Charlehill le Ghanzi bosheng, Rre Morupisi a re badirelapuso ba eme ka dinao go thusa Batswana ka mananeo a puso.

Rre Morupisi a re o tshwenngwa ke badirelapuso ba ba gogang dinao mo tirong, a re go dira jalo go isa itsholelo ya lefatshe kwa tlase ebile ditlhabololo di salela kwa morago lefatshe ka bophara mme a ba gwetlha go thusa Batswana ka nako. O kopile badirelapuso go tlhama ditiro mo dikgaolong tse ba berekelang mo go tsone, a re ba ka dira seo ka go thusa beng ba dikgwebo ka bofefo ka tse ba di tlhokang jaaka ditsha ka dikgwebo tseo di ka tlhama mebereko.

A re Tautona o batla gore go tsamisiwe dilo sentle, ditlamelo di isiwe kwa Batswaneng ka bofefo, selo se a reng se ka kgonega fa ba bereka ba tshwaragane.

Rre Morupisi a re badirela puso ba tshwanetse go itshwara sentle, le fa ba se mo tirong.

O tlhagisitse badirela puso fa e le molato go tsaya karolo mo ditlhophong tsa peo letlhokwa tsa diphati tsa sepolotiki, a re ope yo o akanyang go ikutswa go tlhopha o tlaa ne a sa le a tshwerwe phakela ka go tsile go dirisiwa Omang yo o dirisiwang mo dituelong tsa badirela puso .

A re go nna le karata ya boloko jwa diphathi tsa sepolotiki gone go a letlelesega mo badirela pusong.

E rile ba akgela, badirela puso ba ikuela ka letlhoko la boroko ba supa fa go na le badirela puso ba ba hirisitseng mo malwapeng bo tura go na le matlo a puso mme ba kopa go thusiwa ka matlo a boroko.

Ba ne ba supa fa bangwe ba ne ba isiwa ba dikoleng mme ba seka ba tlhatlosiwa maemo fa ba boa.

Ba kopile gape gore badirelapuso ba ba bereketseng mo lefelong le lengwe sebaka, ba isiwe kwa mafelong a mangwe ka go nna mo lefelong le lengwe go ka isa maduo tlase. Rre Morupisi o ne a kopa molaodi le mokwaledi wa khansele go kopana le bagolwane ba maphata go tswa ka tharabololo ya maduo a dikole tsa kgaolo ya Ghanzi a a kwa tlase gore a ka tokafadiwa jang.

O solofeditse fa a tlaa kopanela dikopo tse dingwe le maphata go utlwa gore matsapa di a tsaya kae.

A re puso e tsile go leka ka bojotlhe go tokafatsa tlhaelo ya boroko. Rre Morupisi o kopile maphata go duela babereki ka nako fa ba theogetse ka mafelo a beke. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : Ghanzi

Event : Phuthego

Date : 27 Aug 2018