Breaking News

Moremi o bone ditirelo tsa botsogo

26 Aug 2018

Tshwaragano mo botsogong jwa motho e botlhokwa, e bile ke sone se puso e neng ya tswa ka lenaneo la itshidilo mmele, go leka go fokotsa malwetse a a sa tshelanweng.  Puso e dirisa madi a mantsi mo kalafing ya malwetse a a sa tshelanweng, a a kabong a sa dirisiwe fa batho ba ne ba tsibogela botsogo jwa bone le go ja dijo tse di lebaneng. 

Fa bua bosheng kwa bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke ba botsogo, komiti ya motse ya botsogo le bodiredi jwa Moremi kwa kgaolong ya Lerala/Maunatlala morulaganyi wa lenaneo la thutuntsho twantsho maikutlo go tswa mo lephateng la thuto kwa kgaolwaneng-potlana ya Palapye Administrative Authority, Mme Itumeleng Seabe a re maikutlo a a sa iketleng a ka tsenya bolwetse.  Mme Seabe a re go le gantsi malwetse a tshwana le jwa pelo, madi a matona le sukiri a bakwa ke maikutlo a a sa iketleng, a a ka dirwang ke dilo di le dintsi tsa botshelo.

O gateletse botlhokwa jwa gore batho ba e le tlhoko se ba se jang ka dinako tsotlhe gore ba somarela matshelo le botsogo jwa bone a re mafura le letswai di fokodiwe mo dijong.  A re bophepa ke sengwe sa tse di tlhokang go elwa tlhoko ka dinako tsotlhe, go itsa malwetse a re go tlhapiwe diatla fa motho a tswa mo ntlwaneng.  A re ke tshwanelo ya motho mongwe le mongwe go itse setlhopha sa madi a gagwe, ka seo se ka thusa go laola dijo tse a dijang. 

O supile fa dijo tsa Setswana di siametse botsogo.

Mme Seabe re go elwe tlhoko go latlhwa ga matlakala, ka kgaolo ya Palapye e tshabelelwe ke bolwetse jwa letshoroma jo bo bakiwang ke monang o o tsalelang mo metemeng, metsi a a emeng le tikologo e e leswe.

Dibui ka go farologana, di ne tsa supa fa malwetse a a sa tshelanweng a ka hengwa ka go itshidila mmele ka dinako tsotlhe, ba re go thuga, go ya nokeng go bereka mo lwapeng ke bontlha bongwe jwa go sedila mmele.

Bana ba sekole le batsadi ba ne ba rotloediwa go itse seemo sa bone ka go itlhatlhobela malwetse.

Go ne ga tlhalosiwa fa malwese a a sa tshelanweng e le one a puso e dirisang madi a a mantsi mo go o ne go na le a a tshelanwang.

Kgosi wa Moremi, Major Tshitlo Days o supile fa go le botlhokwa go ruta le go tsibosa setshaba ka tsa botsogo a re thuto ke konokono.

O lebogetse seabe sa puso go rotloetsa itshidilo mmele a re makalana a eme ka dinao go diragatsa maitlamo a.

A re bana ba sekole ga ba a tshwanela go tsenwa ke mogare ka bone ba le lesego ba bodulogile ba fitlhela e le pina gore mogare o teng le go neelwa dithuto tse di maleba tsa ka fa ba ka o tilang ka teng, mme a bakgothatsa go ipabalela gore ba seka ba kopana le mogare gope.

Letsatsi e ne ya nna le le monate mo banning ba Moremi ka ba ne ba dira metshameko e e sedilang mmele ba bo ba itlhatlhobela malwetse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : MOREMI

Event : Bokopano

Date : 26 Aug 2018