Ba Men Sector ba thulanya ditlhogo
26 Aug 2018
Lekgotla la Men Sector kwa Selebi Phikwe e rile bosheng la tshwara dithuto-puisanyo go rutuntsha borre le go tsaya megopolo go lwantsha kgokgontsho ya bong ga mmogo le go neelana maele ka dikgang tse di ba amang.
E rile a bua kwa phuthegong eo bosheng kwa kgotleng ya Botshabelo, Lt Col. Kabelo Chabanga go tswa kwa BDF Eastern Military Garrison o ne a tlhalosa fa borre ba tshwanetse go nna le seabe mo tharabololong ya dikgang tsa botsogo ga mmogo le go amogana megopolo.
O kgothaditse borre go ikgapha mo go nneng le seabe mo dikgangnnye tsa kgokgontso ya bong le go e begela ba ba maleba.
Colonel Chabanga o gakolotse borre go dirisa ditlamelo tsa botsogo tse di teng gore ba tshele ba itekanetse gona le go nna maoto a tshupa mo go itekodiseng ba bongaka. E rile a tswa la gagwe, Kgosi Olebogeng Mojuta a tlhalosa fa nako ya gore borre ba fetole maitsholo e gorogile.
Kgosi Mojuta o boletse fa borre ba tshwanetse go fetola maitsholo go supa fa ele bateledipele ba malwapa, gape ba tsee boikarabelo ja go tlhokomela le go sireletsa malwapa a bone. O kgothaditse borre go ema bomme nokeng ka nako ya fa ba itsholofetse ga mmogo le go sala meila ya ngwao morago ka nako ya fa mme ale mo botsetsing.
A re setshaba se tshwanetse go dumela fa go na le dilo dingwe tsa ngwao tse di ka se fetolweng.
Mme Mojuta o ne a gakolola borre go tlhokomela botsogo jwa malwapa a bone ka go ikgapha mo go tseneng mo maratong a a kwa ntle ga lenyalo.
Modulasetilo wa Selebi Phikwe Men Sector, Rre Ishmael Morebodi o ne a gwetlha borre go emisa kgokgontsho ya bomme le bana.
Rre Morebodi o tlhalositse fa Palamente e fetotse melao ya tiriso botlhaswa ya bana mo tlhakanelong dikobo ka maikaelelo ago e fedisa.
O boletse fa dipego tsa kgokgontsho ya bong tse di begelwang mapodisi ka bontsi di supa fa bomme e le bone ba kgokgontshiwang go feta borre.
A re le fa go ntse jalo, se ga se ree gore ga go na borre ba ba kgokgontshiwang, segolo jang ka dititeo ka go lemosegile fa borre ba tshaba go bega kgokgontsho e e dirwang mo go bone.
Rre Morebodi o kgothaditse borre go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV ga mmogo le go itlhatlhoba ka dipego di supa fa ba santse ba le maoto a tshupa go itlhatlhobela mogare fa ba tshwantshangwa le bomme. Ramopodisi wa Selebi Phikwe Rre Victor Nlebesi o tlhalositse fa puso e fetotse melao mengwe e e siretsang bana mo go dirisiweng botlhaswa.
O boletse fa ba Sepodisi ba amogela dipego tsa tiriso botlhwaswa ya bana mo go tsa tlhakanelo dikobo ga mmogo le kgokgontsho ya bomme, a tlatsa ka gore ba itlamile go diragatsa melao e e itebagantseng le go lwantsha kgokgontsho ya bong.
Rre Nlebesi o kgothaditse borre go fetola maitsholo a bone go fenya dikgang tsa kgokgontsho, le go ikgapha mo dipolaanong tsa marato tse di ntseng di apesitse lefatshe leno kobo ka letshoba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Phuthego
Date : 26 Aug 2018



