World Group e file Lentswelemoriti P25 000
26 Aug 2018
Mopalamente wa Bobonong o abetse sekole se sebotlana sa Lentswelemoriti P25 000 go tswa kwa khamphaneng ya World Group of Companies.
Rre Shaw Kgathi o supile fa madi ao, a filwe sekole seo ka go bo se dira sentle mo dithutong ka se kgonne go fenya ka maduo a 100 per cent mo dingwageng tse nne ka go tlhomagana.
Rre Kgathi a re ngwaga o o fitileng fa ba neela baithuti ba Lentswelemoriti paka ya sekole, modulasetilo wa khamphani eo, Rre Rafik Sadar o ne a solofetsa go ba abela P25 000 fa ba ka fenya lekwalo la bosupa ka 100 per cent, mme seo ba se kgona.
O supile fa tiro ya gagwe e le mopalamente e le go ngoka bagwebi go thusa kgaolo ya Bobirwa.
A re World Group of Companies e abetse baithuti ba dikole di le lesome le borobabongwe paka ya sekole, dibolo, dikhomputara le didirisiwa tsa tsone gore maduo a tokafale.
Rre Kgathi yo gape e leng tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo, a re khamphani eo, e itlamile go aga kokelwana kwa Molalatau e a supileng mealo ya yone e setse e netefaditswe le go fa sekole sa Mafetsakgang kwa
Bobonong P50 000 go aga ntlo ya dikhomputara.
Fa godimo ga moo, a re World Group of Companies e ne ya ntsha P97 000 go dirisiwa mo kabong ya dimpho ya lephata la thuto.
Rre Kgathi o lebogetse sekole sa Lentswelemoriti go bo se tsweletse ka go dira sentle.
A re seo se dirwa ke gore barutabana, batsadi, baithuti le boeteledipele jwa motse oo ba ikemeseditse go dira sentle mo dithutong gore matshelo a bana a tlhabologe.
A re motse oo kwa ntle ga thuto o itsege ka tse dintle mme a ba gakolola go dira motlobo wa ditso gore tshaba e e tlang e seka ya lebala tse dintle tse di ntseng di diragala.
Fa a bua ka seemo sa tsela e e gokaganyang motse oo le Motlhabaneng, a re ga e a tsenngwa mo lenaneong la ditogamaano.
A re dipuisanyo di tsweletse gore e dirwe mme e tlaa tlhokomelwa fa go santse go letilwe seo.
Mogolwane wa thuto kwa Bobirwa, Rre Moses Tsetlhana o ne a leboga Rre Kgathi go tsenya letsogo mo go tlhabololeleng thuto mo kgaolong ya Bobirwa.
Mogokgo wa sekole, Mme Florah Sebudubudu ene o supile fa Lentswelemoriti a tswa kgakala a dira sentle e bile ba gapa dietsele mo dikarolong tse di farologaneng jaaka tsa dithuto le metshameko fa modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana.
Mme Mmamotse Dintwe a supile fa maduo a mantle a dirwa ke gore batsadi ba tshwaraganetse tiro le barutabana.
Mme Dintwe a re ba etela sekole go bona tiro ya bana mme a supa fa ba ikaelela go ya kwa sekoleng se segolwane sa Molalatau go bona seemo.
A re ke gone kwa bothata bo leng teng ka bana ba ya teng ba pasitse mme fa ba tsena teng maduo a wela kwa tlase. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : LENTSWELEMORITI
Event : Kabo Dimpho
Date : 26 Aug 2018



