Breaking News

Batsadi ba kopiwa go thusa

26 Aug 2018

Batsadi ba kopilwe go nna le seabe mo dithutong tsa bana gore ba kgone go ntsha maduo.

Kopo eo, e dirilwe ke modulasetilo wa lekgotla la batsadi le barutabana wa sekole se sebotlana sa Lehututu, Rre Mabego Lesedi mo potsolososng le BOPA bosheng.

Rre Lesedi o supile fa go nna le seabe ga batsadi mo thutong ya bana go dira gore bana ba tlhagafalele dithuto.

O ne a tlhalosa fa sekole sa Lehututu se na le bokgoni jwa go dira sentle mo ditlhatlhobong, mme se, se ka kgonagala fela fa batsadi ba tshwaraganela tiro le barutabana.
A re ba santse ba tshwaraganye le mathata a go rotloetsa bangwe batsadi ba ba santseng ba le maoto a tshupa go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana, a tlatsa ka gore batsadi ba ba sa tseneleng diphuthego ke bone ba bana ba bone ba sa direng sentle.

O ne a tlhalosa fa komiti ya batsadi le barutabana e dira ka thata go rotloetsa batsadi go tsaya karolo mo dithutong tsa bana le fa bangwe ba sa iponatse gotlhelele.

A re batsadi ba ba senang seabe mo thutong ya bana ba rata go itlhaganelela go ngongorega fa bana ba bone ba sa dire sentle mo dithutong e bile ba supa barutabana ka menwana bare ga ba dire tiro.

Rre Lesedi a re batsadi ba ba senang kgatlhego mo dithutong tsa bana ba tshwanetse go tseelwa dikgatho tse di maleba.

O ne a tlhalosa gore go botlhokwa gore batsadi ba rute bana boitsholo jo bo amogelesegang mo setshabeng ba sale babotlana ka gore go ka thusa gore ba itse molemo le bosula, mme go tle go nne motlhofo gore ba ka hema dikgwetlho tse ba ka iphitlhelang ba le mo go tsone fa ba gola. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Eric Raphuti

Location : LEHUTUTU

Event : Potsolotso

Date : 26 Aug 2018