Breaking News

Mosireletsi o ikitsese morafe

26 Aug 2018

Banni ba Leporung ba gakolotswe go dirisa ofisi ya Mosireletsi fa ba na le dingongorego le ka fa ba fiwang ditlamelo ka teng mo maphateng a puso.
Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla go lekodisa banni ka tiro ya lephata bosheng, mothusa mosireletsi, Rre William Montsho, a re ba lemogile fa thuto e tlhaela mo setshabeng ke sone se ba boneng go le mosola go tsamaya ba ruta setshaba.

O tlhalositse fa ofisi ya Mosireletsi e ikemetse ka nosi e sa tsee ditaelo gope, ba dira tiro ya bone ka fa ba bonang go le maleba ka teng go netefatsa gore ba sireletsa Motswana mongwe le mongwe.

Rre Montsho o tlhalositse fa ba filwe boikarabelo jwa gore ba sekaseke ditsamaiso tsa diofisi tsa puso, ka fa bodiredi bo fang Batswana ditirelo ka teng.

A re ba sekaseka dikgang di tshwana le go fiwa dikgang tse e seng boammaruri, go gogela kobo ntlha e le nngwe ke bodiredi jwa puso.

Rre Montsho o tlhalositse fa mo go direng jaana ba sala tsamaiso morago, ka go rola kgang kwa go ba go ngongoregwang ka bone mme morago ba boele kwa go mongongoregi go fitlhelela ba tla ka tharabololo.

A re ga ba tlhotlhomise dikgang di tshwana le tsa makgotla a tsamaiso ditsheko, phiro ya badirela puso, ditlhotlhomiso tsa sepodisi le dikgang tsa tirisano ya Botswana le mafatshe a mangwe.

O gateletse gore Motswana le motswaka yo o nnang mo Botswana, fa ba thusitswe ke ofisi ya puso ba na le tshwanelo ya go ngongorega kwa go bone, a tlatsa ka go re ditirelo tsa ofisi ya gagwe ga di duelelwe.

Rre Montsho a re ba eletsa gore dikgang di goroge kwa go bone mo lebakeng la dikgwedi tse di lesome le bobedi fa e se fela go na le mabaka a tiego.

A re ba ipeetse seelo sa gore ba sekaseke dikgang mo sebakeng sa dikgwedi tse tlhano mme fa ba diegile, ba seka ba feta dikgwedi di le lesome le bone.

Fa ba akgwa Rre Montsho dikgaba, bangwe banni ba tlhalositse fa ba ne ba sena kitso epe ka ofisi eo mme ba lebogela dithuto.

Ba boletse gape fa ba ntse ba na le dingongorego mme ba sa itse gore ba ka ikuela kae, ba supa fa jaanong ba itse tsela, ofisi eo e tlaa ba sologela molemo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Thusoyaone Sechele

Location : LEPORUNG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Aug 2018